Lotlamoreng o kgothatsa baithuti
15 Oct 2013
Kgosi kgolo wa Barolong, Kgosi Lotlamoreng II o kgothaditse baithuti ba sekolo se segolwane sa Lotlamoreng I go tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo.
O buile seo kwa moletlong wa go ipelela go nna teng ga sekolo seo dingwaga di le masome a mabedi le motso. Moletlo o, o ne o patagantswe le go abela bana dimpho ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa bone.
Kgosi Lotlamoreng II a re thuto e botlhokwa fela thata a tlhalosa fa bana ba tshwanetse go tlhaloganya gore thuto ke yone bokamoso jwa bone gore matshelo a bone a tle a tokafale.
A re o tlhaloganya fa baithuti mo malatsing ano ba tshelela mo dikgwetlhong tse dintsi mme o ne a ba kopa gore dikgwetlho tseo e seka ya nna dikgoreletsi mo dithutong tsa bone.
Mo godimo ga moo, kgosi kgolo o ne a eleletsa bana ba mophato wa boraro masego le matlhogonolo mo ditlhatlhobong tsa bone. O ne a ba tlhalosetsa gore ba eletsa gore ba tsholetse serodumo sa sekolo seo kwa godimo ka go pasa ditlhatlhobo tseo.
O tsweletse a re barutabana tiro ya bone ba e dirile a tlatsa ka gore go mo maruding a baithuti jaanong go supa bokgoni jwa bone a tlhalosa fa nako e gorogile ya gore ba supe gore dingwaga tse tharo tse ba di nnileng mo sekolong ba ne ba dira jang.
E rile a ema batsadi ka lefoko Kgosi Lotlamoreng II o ne a ba gwetlha go pataganela thuto ya bana ba bone le barutabana. A re barutabana ba ka se kgone mokgweleo wa thuto ba le nosi ntleng le kemonokeng ya batsadi a tlhalosa fa kgetsi ya tsie e kgonwa ke go pataganelwa.
Fa a tswa la gagwe mogolwane go tswa kwa pampiring ya dikgang e e ikemetseng ya Midweek Sun Rre Abraham Motsokono o ne a gakolola baithuti go nna le boikarabelo mo dithutong tsa bone ga mmogo le go reetsa ditaelo tsa barutabana.
A re fa baithuti ba ka tsaya boikarabelo ka tse ba di tletseng mo sekolong dithuto tsa bone di ka ba isa golo gongwe mo botshelong.
Rre Motsokono o ne a gape a ba gwetlha go nna le boitshwaro jo bo eletsegang a tlatsa ka gore fa moithuti a sena boitshwaro jo bo siameng a ka se dire sentle mo dithutong tsa gagwe.
O ne a tswelela a re ba itlamile e le ba pampiri ya Midweek Sun go simolodisa mokgatlho wa bana ba sekolo wa go kwala dikgang ka sekolo seo a tlatsa ka gore ba tla ba thusa ka sengwe le sengwe se ba tlaa se tlhokang.
Erile a leboga mogolwane go tswa kwa ofising ya thuto ya kgaolwana eo Rre Basil Ncaagae o ne a supa fa a itumeletse kemonokeng ya bao ba ba nnileng le seabe mo go rulaganyetseng moletlo oo.
A re ba itlamile gore ba ntshe maduo a a siameng mo dikolong tsa kgaolo eo ka go farologana a tlhalosa fa kgaolo ya bone e le ngwe ya tse di dirang fela sentle mo ditlhatlhobong tsa dikolo tse di potlana le tse dikgolwane.
Moletlo oo o ne o rulagantswe ke bodiredi jwa sekolo seo ga mmogo le kompone ya Majwe mining go tswa kwa toropong ya Jwaneng le ba pampiri ya Midweek Sun. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : GOOD HOPE
Event : Moletlo wa sekole
Date : 15 Oct 2013






