Breaking News

Lerato ke makgona tsotlhe

15 Oct 2013

Kgosi David Megano wa Maralaleng mo kgaolong ya Kgalagadi o kopile baratani go itsetsepela mo leratong mo diemong tsotlhe tsa matshelo a bone.

O ba kopile gape go tshephana, go tlotlana, go nna le boitshwarelo fa yo mongwe a diretse yo mongwe phoso,  go fana lorato ka nako tsotlhe. O buile se mo letsatsing la dijo tsa maitseboa tse di neng di diretswe baratani ke ba Tebelopele .

Kgosi o supile fa puso e dirisa madi a mantsi ka dithuto, le ditlamelo go sireletsa setshaba kgatlhanong le mogare wa HIV/AIDS, mme se se swabisang ke gore Batswana bangwe ba  sa ntse  ba le maoto a tshupa go inaakanya le mananeo ao.

O ne a kgothatsa baratani bao go tsaya letsatsi leo tsia le go kgothatsa  ba ba sa nyalang gore  ba nyalane gore ba tle ba kgone  go tshela botshelo jotlhe  mmogo ba phuthulogile. Kgosi a re go botlhokwa gore fa ba tshela mmogo ba tshwaragane go tlhabantsha dikgwetlho.

O ne a lebogela ba Tebelopele gore letsatsi leo le bo le tshwaretswe mo motsing wa gagwe. Fa a bua maikaelelo a letsatsi mogolwane wa Tebelopele mme Tsholofelo Bosa Gaotswake  o ne a tlhalosa  fa e le go rotloetsa baratani ka botlhokwa jwa go ya go itlhatlhoba ba le mmogo ka go ka thusa  thata go tsaya  ditshwetso tse di maleba ba le mmogo,  le gone go  tsosolosa lorato lwa bone go gola tsatsi le letsatsi.

Mme Gaotswake  o tlhalositse fa go itlhatlhoba mmogo ga bakapelo go rotloetsa go tshephana ga bone le gone go itsane botoka.

O tsweletse ka go tlhalosa gore go tlhatlhoba bakapelo ba le mmogo go thusa go itsa go nna le bakapelo ba le bantsi ka nako e le nngwe.
Mme Gaotswake  o tlhalositse gape gore go tlhatlhobiwa ga mofuta oo go thusa mo go ba ruteng ka ba anya kitso ba le mmogo.
A re go tlhatlhobiwa ga bakapelo ba le mmogo go thusa go itsa kgokgontsho fa gare ga bone.

Fa a ba ama ka lefoko sebui sa tlotla sa letsatsi leo modulasetilo wa khansele potlana  yo e ebileng e le mokhanselara wa Tsabong bokone  Rre Sam Brooks o supile fa letsatsi leo le le botlhokwa ka e le peo ya go jwala lorato.  

Modulasetilo o ne a ba rotloetsa go ipopa sesha,  go tswelela ba tshephana, go nna boineelo, kutlwano, go nna le lorato le go tswelela ba fana lorato lwa motia.

A re batho ba le bantsi ba tlhokafetse ntateng ya HIV /AIDS ka ba ne ba iphitlhela ba le nosi ba sena ba ba ba sidilang maikutlo le go ba ema nokeng mo nakong ya bolwetsi. Rre Brooks o kopile borre go ema ka dinao ka go itseela dikgato mo botsogong jwa bone. O ne a rotloetsa baratani bao gore lorato lo nna teng fela lefa lo tlhokile lesego mo botshelong.

O kaile fa  go nna lobaka lo lo leele baratani  ba s a nyalana e le lengwe la  mabaka mangwe a felelang a baka dipolaano tsa baratani  ka fa lorato lo fedile borre ba felela ba tsaya ditshwetso tsa go bolaya bomme ba re ba senyegetswe mo go bone.

O ne a kopa borre  go itshoka le go kopa bogakolodi fa ba kgaogana le bakapelo ba bone ka e se phelelo ya botshelo  mme ba santse ba ka tswelela mo botshelong.

Mme  Doreen Mfaladi, mogolwane wa baoki go tswa kwa sepateleng sa Tsabong fa a ntsha tshoboko ya go itlhatlhobela mogare o supile fa puso e dirisa madi a mantsi bogolo jang mo  go rekeng dipilisi tsa diritibatsi le mashi a  bana mme a ba kopa go tlhwaafalela go dirisa mananeo ao. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : MARALALENG

Event : Moletlo wa dijo

Date : 15 Oct 2013