Breaking News

Pharithi o kopa puso go gagamatsa dikotlhao

15 Oct 2013

Kgosi Solomon Pharithi wa Molalatau o kopile puso go gagamatsa dikatlholo tsa bogodu jwa leruo.

O buile seo mo phuthegong ya kgotla e biditswe ke mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi. Kgosi Pharithi a re dikotlhao di tshwanetse go gagamadiwa kaseemo se bifile mme magodu a lemogile fa dikotlhao di le kwa tlase. O supile fa go tlhokega go gagamatsa dirukhutlhi tsa melato ya leruo ka bogodu bo ile magoletsa mo kgaolong eo.

A re leruo le itseelwa sesolo ke magodu a a jesetsang barui mo kgobedung. Fa a itebaganya le badirelapuso mo motseng oo, o ne a re ba tshwaraganetse tiro le morafe wa Molalatau go sena selabe sepe.

Kgosi Pharithi a re badirelapuso ba tshwere tiro ya bone ka boineelo ba sa ipelaele mme a lebogela gore mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Nathaniel Moribame go bo a emetse motse o o sentle. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Morongwa Malema o lebogetse dipalo tse di okeditsweng tsa Ipelegeng ka go bo kgaolo eo e tlhasetswe ke leuba.

Mme Malema a re VDC e gweba ka matlo a le 19 a a tsentsweng motlakase le metsi gammogo le tshingwana ya merogo. Lenaneo la nyeletso lehuma a re ga le tsamaye sentle ka mo ditshingwaneng tse 37 go ne ga dira le supa fela mme sebe sa phiri e le ditlhwathwa tsa metsi tse di kwa godimo.

Mme Malema a re boroko jwa badirelapuso bo a tlhaela mme setshaba se sa hirisetse bodiredi matlo. Kwa kokelwang a re bodiredi bo a tlhaela ka go na le baoki ba le babedi ba tiro e ba hupetsang mme ba kopa gore ba okelediwe bodiredi.

Modulasetilo a re bodiredi jwa VDC le jone bo hupediwa ke tiro mme ba kopa gore ba atswiwe ka P1 500 ka kgwedi ka gore ba dira ditiro tsa setshaba. Rre Mpho Ookeditse wa komiti ya banana a re lenaneo la Boot Camp le rutile banana magokaganyane a botshelo. 

A re lenaneo leo le file  banana ba ba neng ba itlhobogile sebaka sa go ka boela mo seemong sa botshelo. Mme o kopile mananeo a dikopo tsa banana gore a fefosiwe gore baikopedi ba seka ba nna le mowa wa boitlhobogo.

Fa a ba kgwa dikgaba mopalamente Rre Shaw Kgathi yo o bileng a le tona wa banana, metshameko le ngwao a re lephata la gagwe le tla tswelela ka go tokafatsa matshelo a banana.

O supile fa mo ngwageng o o tlang ba tla katisetsa lephata la botsogo banana ba le 1 500 mo lenaneong la Boot Camp gammogo le ba sepodisi.

O ba kopile go rekisa dikgomo tsa bone a supa fa sebe sa phiri e le  bogodu ja dikgomo jo ba sepodisi ba supang fa bo golela pele. Rre Kgathi o kopile ba ba naleng matlo go a tlhabolola gore ba a hirisetse puso.

Mopalamente o kopile banni go ikwadisetsa ditlhopho mme a supa fa a itumedisiwa ke dipalo tse di setseng di ikwadiseditse ditlhopho. A re mo kgaoganyong ya melelwane, masimo a Mhawaneng  a wela mo kgaolong ya Molalatau ka jalo banni ba  seka ba etsaetsega go ikwadisa.

O supile fa mo ditlhophong tse di tlang go tlhopha go dirilwe motlhofo ka go tlhomaganya maina ka ditlhaka go na le ka dinomoro jaaka go ne go diragala pele. Monni mongwe wa kgotla ya Lesola a re banni ba tshwenngwa ke go tlhaela ga motlakase ka ba kompone ya motlakase ba supile fa o tlhaela.

A re kgaogo eo e sale e diragala ka ngwaga wa 2011 mme nako kgolo ke eno mme a kopa mopalamente go ba tswa thuso. Ba kgotla ya Meriting bone ba lela ka letlhoko la metsi mme ba kopa gore ba thusiwe ka one. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : MOLALATAU

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Oct 2013