Kgosi o rotloetsa badiri go dira ka natla
15 Oct 2013
Badiri ba lephata la madi le ditogamaano tsa ditlhabololo kwa Masunga ba rotloeditswe go tswelela ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho.
Thotloetso e e dirilwe ke mothusa kgosi wa Masunga, Kgosi Thabo Monaga kwa moletlong wa dijo tsa maitseboa bosheng. Badiri ba ofisi ya madi (revenue) ba ne ba ipelela go bo lephata la bone le tsere maemo a ntlha mo tshekatshekong ya go ntshiwa ga ditirelo e e dirwang dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro.
Kgosi Monaga o ne a ikuela mo go bone go ntsha ga tshwene mo tirong ya bone ka jaana maphata a mangwe le one a ya go itoma molomo wa tlase go ipona ba itlhomile kwa pele.
O ne a supa fa go ne go se thona gore ba bo ba gapile maemo a ntlha ka go le mo pontsheng gore e re ntswa ba thusa batho ba bantsi mme ebile ba tlhoka go fiwa ditirelo tse di farologanyeng, ba dira tiro ya bone ka boineelo jo bo gakgamatsang.
Fa a ba ema ka lefoko, mookamedi wa lekgotla la baruti la motse wa Masunga, Moruti Samson Matshegao o ne a ba gakolola ka botlhokwa jwa go utlwana le go tshegetsana fa ba dira mmogo.
A re tse ke dingwe tsa dilo tse di tlisang phenyo, a gatelela le botlhokwa jwa go tsaa badiri ka tekatekanyo ga baeteledipele. Moruti Matshegao o ne a supa fa modiri ope yo o bonang fa seabe sa gagwe se lemogwa ebile se tsewa tsia a tia moko a bo a ikitee ka thupana go dira go feta jaaka go tlwaetswe.
O ne a boa a gwetlha badiri ba ofisi eo go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go tshegetsa maemo a bone, a supa fa mo mabakeng otlhe batho ba le bantsi ba kgona go gola le go tuma mme e le fela ba ba tsenang mo seatleng ba ba kgonang go tswelela ba tshegeditse serodumo sa bone.
Sebui sa tlotla, Rre Kgotlaetsile Oodira yo a leng mookamela-mapodise kwa Masunga le ene o ne a gwetlha badiri go tshwara ka thata.
O ne a ikuela mo go bone go seke ba nyemisiwa moko ke diemo tse di thata tse ba kopanang natso letsatsi le letsatsi mo tirongya bone, mme a ba gwetlha go di leba e le direpodi tse ba ka di dirisang go tswelela ba gola.
Mookamedi wa ofisi ya tsa madi mo Masunga Mme Boitumelo Tswanelo o ne a supa fa phenyo ya bone e sa ba gakgamatsa ka ba tswa kgakala ba dira ka natla mo tirong ya bone. A re le fantswa go bereka ka madi e le tiro e e masisi ba ikiteile dihuba go ntsha maduo a mantle ka dinako tsotlhe.
O ne a lebogela bogogi jwa lephata la bone go bo ba bone go le botlhokwa go ba direla moletlo wa dijo e le tselaya go lemoga maiteko a ba a dirang mo tirong ya bone.
Mme Tshwanelo o ne a supa fa ba tlaa tswelela ba dira ka thata go tlhomamisa gore ba fa setshaba ditirelo ntle le tiego epe le gone ba dira jalo ka matsetseleko a magolo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Moletlo wa dijo
Date : 15 Oct 2013






