Breaking News

Barui ba itumeletse leruo

15 Oct 2013

Banni ba metse ya Tshesebe le Siviya ba leleditse mogolokwane go rekelwa dikgomo le dihutshane go emisetsa tse di neng tsa bolawa ka maiteko a go nyeletsa bolwetei jwa tlhako le molomo mo kgaolong.

Mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke mothusa tona wa lephateng la temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi bosheng banni ba ne ba supa boitumelo gobo leruo la bone le emisediwa ka le lesha.

Le fa ba ne ba lela ka letlhoko la metsi a go nosa leruo ba ne ba supa fa tsholofelo e kgolo ya bone e le gore go busiwa ga leruo la bone go tlaa ba thusa go inamola tshotlego. Monni wa Tshesebe, Rre Smarts Mathonsio o ne a supa fa letlhoko la metsi a leruo e le kgang e e bokete e ba sa itseng gore ba tlaa e fenyang jang.

O ne gape a itela mo go mothusa tona ka tiego ya dituelo tsa bao ba ba kopileng go fiwa madi boemong jwa go busediwa leruo, selo se a rileng se etsaetsisa bangwe gore a ga bana go felela ba filwe dikgomo le ntswa bone ba sa baakanyetsa go di amogela.

Morui yo mongwe Rre Ephraim Maphorisa le ene o ne a lela ka seemo sa phulo se se sa itumediseng, a re le fa ntswa ba batla leruo la bone ba tshosiwa ke komelelo ya naga mo tikologong ya motse wa bone. Kwa motseng wa Siviya mokhanselara wa koo Rre Bakani Badziili o ne a itumelela go busediwa ga leruo mo kgaolong.

Le fa go ntse jalo o ne a ikuela mo morafeng gore mokgwa wa bangwe wa go tlodisa leruo molelwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe go rata le go kgona  go eme ka jaana go ka busetsa kwa morago maiteko a lefatshe leno a go fedisa bolwetsi jwa tlhako le molomo.

O ne gape a lebogela puso ditlhabololo tse di tsweletseng ka go dirwa mo lenaneong la ISPAAD. Mokhanselara Badziili o ne a rotloetsa banni go tlhwaela tse be dikgakololo tsa ba lephata la temo-thuo, a supa fa seo e le sone fela se ka tlhomamisang gore go lema le go rua ga bone go nna le dipoelo tse di nametsang.

E ne e rile go le pele Rre Molebatsi, yo gape a leng moplamente wa kgaolo ya Tswapong Borwa a itsese banni ba metse e mebedi eo fa thulaganyo ya go busetsa ba ba neng ba bolaetswe leruo dikgomo le dihutshane tsa bone e simolotse.

Le fa go ntse jalo o  ne a supa fa theko ya dikgomo le dihutshane kwa dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno e santse e tsweletse ka jaana palo ya tse di tlhokwang e ise e wele.

Mothusa tona o ne a ikuela mo go ba dihutshane tsa bone di neng di sa bolawa go rekisetsa puso dingwe tsa tsone gore e kgone go thusa barui tsa bone di neng tsa bolawa.

Rre Molebatsi o ne a gakolola banni ka diphetogo tse di tsentsweng mo lenaneong la ISPAAD di akaretsa go lema ka ditselana ka maikaelelo a go tokafatsa thobo.

O ne a gwetlha Batswana go sekegela tsebe le go tsaa ka tlhwaafalo diphetogo tseo ka jaana maikaelelo magolo a tsone e le go thusa bone go bona dipoelo tse di botoka mo maitekong a bone a go ntshetsa malwapa a bone dijo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 15 Oct 2013