Breaking News

Botsogo jo bo siameng konokono mo tirong

14 Oct 2013

Badiri ba khansele kwa Tsabong ba kopilwe go tsaya kgato le go nna le boikarabelo mo botsogong jwa bone ka seo  se ka thusa gore ba tshele ba itekanetse mo tlhaloganyong , maikutlo le mo moweng le gone go  dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi  ka manontlhotlho.

Mafoko a a builwe ke Dr Joseph Kadima mo letsatsing la botsogo mo tirong.  Dr Kadima o ne a tlhalosa fa puso e leka ka bojotlhe go atametsa ditirelo bogolo jang tsa botsogo gaufi le Motswana mongwe le mongwe kwa a leng teng.

Dr Kadima o supile fa go na le batho ba le 30 016 mo kgaolong ya kgalagdi borwa . A re go na le mafelo a le masome mabedi le boraro  go simologa kwa Hereford go fitlha kwa Struizendam. O kaile fa mo kgaolong eo go na le sepatele se le sengwe,dikokelo di le thataro  le dikokelwana di le lesome le botlhano.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa lephata la botsogo le okeditse bodiredi jwa botsogo ka go na le dingaka di le supa, baoki ba le lekgolo le   masome a mabedi  le bosupa (127) baoki ba ba belegisang ba le masome a mane le bongwe le ba ba fang melemo ba supa go hema seemo sa tlhaelo ya bodiredi.

A re gape maiteko a mangwe a ba a dirileng ke gore mo nakong ya gompieno dipilisi tsa diritibatsi di gongwe le gongwe mo dikokelong mo areng go thusitse thata mosuke oo neng o le teng mo sepateleng ka di ne di tseelwa teng fela.

Le fa go ntse jalo Dr Kadima are ba sa ntse ba na le kgwetlho e tona ya mogare wa HIV /AIDS o o golelang pele mo kgaolong eo a supa e le 19% ,a supa fa e le dipalo tse di kwa godimo thata fa go tshwantshwanngwa  le dikgaolo tse dingwe.

O ne a gakolola thata babereki go ya go itlhatlhobela malwetsi a tlhakanelo dikobo le a mangwe gore batle ba kgone go bona dithuso tsa botsogo nako e santse  e le teng le gone go dirisa sekausu ka nako ya tlhakanelo dikobo ka nako tsotlhe.

O ne a a gakolola borre go ya go dira loaro lwa borre ka lo le mosola thata mo go bone ka le thusa go fokotsa kgonagalo  ya go tsenwa ke mogare ka 60%  go thusa  bomme fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke kankere ya popelo le gone go fokotsa leswe la boree mo bonneng le gore ba nna matlhagatlhaga thata ka nako ya tlhakanelo dikobo.

Fa a ba ama ka lefoko la kgothatso moruti Driver Lebotse o ne a supa fa go tsoga mo semoweng  go le botlhokwa thata mo botsogong jwa motho. O kaile fa go tshepa, go dumela le go ikanya mo modimong mo dikgwetlhong tsotlhe tse o kopanang le tsone mo botshelong e le yone tharabolo.

Moruti Lebotse one a kgothatsa babereki bao gore  ba seka ba inyatsa le go itlhoboga mo dinakong tse di thata le fa ba lwala mme ba kope bogakolodi mo baruting go ba sidila  maikutlo ka lefoko la modimo ka e le lone le le agang ,gore batle ba kgone go itekanela mo tlhaloganyong le maikutlo.

Go le pele fa a amogela baeng mothusa mokwaledi wa khansele mo Kgalagadi Mme  Kefentse Ngwamotsoko o ne a supa fa letsatsi le le le botlhokwa mo badiring ka e le yone nako e e siameng ya bone ya go dira botsalano le ba bangwe, go itsane, go fana lorato le gone go ithuta go emana nokeng mo nakong tse di monate le botlhoko mo tirong.

Mme Ngwamotsoko o ne a supa fa go tlhoka go tsoga sentle mo tlhaloganyong, maikutlo le mo moweng go na le seabe mo tokofatsong  maduo mo tirong. A tlatsa ka go supa fa go iphitisa dikoloto le gone go lemosegile fa motho a tshela a sa itekanela ka a tshelela fela mo letshogong. O ne a kopa babereki bao go itekanya dikoloto go hema seemo seo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Letsatsi la botsogo

Date : 14 Oct 2013