Sekole sa Dipotsana se a ipela
14 Oct 2013
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Dipotsana mo kgaolong ya Borwa, Mme Violet Majagoba o boletse gore sekole sa gagwe se dikile se dirile sentle thata mo mophatong wa lekwalo la bosupa mo ditlhatlhobong ka ntata ya tirisano mmogo fa gare ga batsadi le barutabana.
Mme Majagoba o buile jalo mo moletlong wa kabo dimpho le moletlo wa go ipelela sekole se se gaisitseng mo lekwalong la bosupa ngogola. O boletse fa sekole seo se itikile thata gotswa ko maduong a 40 per cent go ya go 70 per cent.
O boletse fa sene se ntse se di goga kwa mogatleng nako tsotlhe. O boletse fa sekole seo se ikgapetse kopi e tona ya manobonobo ee hapaanelwang. O tlhalositse fa seo se dirilwe ke botlhaga jwa batsadi ba Dipotsana ba ba neng ba dirisana le barutabana mmogo le bana mo go nametsang pelo.
O boletse fa bane ba na le seabe se se tona mo thutong ya bana ba bone. O boletse fa thuto ele konokono mo bokamosong ja bana ba bone. Mme Majagoba o ba kopile go tshwara fela jalo gore le bana baba tlang ko Morago ba dire jalo ka gotwe tlhako ya Morago e gatla fa ya pele e gatileng teng.
Mmui wa tlotla mo letsatsing leo mme Monei Motswetla wa kompone Monei couselling gotswa ko Gaborone o boletse fa botho le boitswaro bo ofa motho seriti sese tona mo motho a kgonang dikgwetlho tse di ka mo lebaganang.
Mme Monei a re bana ba tshwanetse go kopa dilo tsedi siameng mo batsading ba bone ebile ba rata ngwao le ka fa ba godisiwang ka teng. O boletse fa go tlotla batsadi gole botlhokwa thata ka gore le ko sekoleng batla tlotla barutabana mme ba fete ka tse ditsididi mo dithutong tsa bone. O boletse fa gompieno go tshelelwa mo boitsaanapeng ja maemo aa ko godimo mme ba tshwanetse go itepatepanya le seemo.
Le fa gontse jalo Moruti wa kereke ya Assembles of God Moruti KaoneBahuma a bolela fa ee anywang e leletse e ruta ee mo maleng, a re botlhaga ja batsadi le barutabana bo rutile bana ba Dipotsana gore thuto ke boswa jo sa lwelweng ke ope.
Moruti Bahuma o boletse fa batsadi ba Dipotsana ba nnile sekai mo setshabeng ka go dirisana le barutabana gore bana ba bone ba atlege. O boletse fa setlhare se itsiwe ka maungo a sone, a bolela fa kamoso barutabana ba tla bakwa ka go ruta ka bonokopila ga bone.
O kgadile batsadi baba senang sepe le thuto ya bana ba bone ka gore bangwe ba kaya fa bana ele ba barutabana se areng se maswe fela thata. O rotloeditse batsadi go dirisa mafoko aa bonolo aa molemo fa ba bua le bana ba bone, mafoko a kgotlhatso.
O kgadile gape batsadi baba ngongoregelang barutabana fa bana ba bone ba sa dire sentle gona le go kopanela thuto le bone.
Moruti o ne a solofetsa bana ba sekole seo gore ngwaga ono babatla go ikabela sekole seo , baba thusa ka tse ba di tlhokang. Moruto o rile bana ba lokwalo la bosupa baba tla tsayang maemo a ntlha ba tsile goba rekela paka ya sekole. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 14 Oct 2013






