Breaking News

Emisang go rekisa lefatshe - Pheto

14 Oct 2013

Mopalamente wa Kweneng Botlhaba, Major General Moeng Pheto o gakolotse banni ba Lentsweletau le metse e e mo tikologong  bogolo jang banana gore ba seka ba rekisa lefatshe ka jaana le sa oketsege.

Mopalamente yo o mo leetong la kgaolo ya gagwe o buile seo mo phuthegong ya kgotla bosheng  fa a ne a lekodisa banni ka dikgang tsa palamente e e fetileng le go tsaya megopolo mo go bone.

O tlhaloseditse batho mo phuthegong eo gore fa dikgang tsa go rekisiwa ga  lefatshe mo go setseng go dirwa e le kgwebo, di sa tsenngwe leitlho ka tlhwaafalo dingwao tsa batho di tsile go fitlhelwa di meditswe ke batho ba ba sa tlholegeng mo lefelong leo.

A re mafelo a tshwana toropo kgolo Gaborone le Mogoditshane ga go sa tlhole go na le fa batho ba ka bewang teng a tlhalosa fa dikgang tsa go ikopela ditsha ka maikaelelo a  go dira kgwebo jaanong go jwelelela  kwa  metseng ya magae    

Major General Pheto o ba tlhaloseditse fa lefatshe le sa oketsege mme batho e le bone ba oketsegang ka jalo ba tshwanetse ba somarele lefatshe le ba le abetsweng. Mo dikakgelong tsa bone banni ba motse ba kopile gore lekgotla la kabo ditsha le seka la ne le lebala batho ba kgaolo e di leng mo go yone.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo Rre Rodgers Kgatitswe ene o supile fa matshwenyego a bone e le go tlhoka tshwaragano magareng ga bone le khansele. O ne a tlhalosetsa mopalamente fa mo ditirong tsa lenaneo la Ipelegeng ba ne ba abetswe ntlo ya LA2 le ditiro tse dingwe, a re ditiro tsotlhe tseo di tlosolositswe kwa mafelong a di neng di tshwanetse go dirwa kwa go one mme di fuduseditswe go sele kwa ntle ga morero le bone.

A re go sa dirisaneng sentle moo go tlaa ba tlhokisa tshepho mo morafeng. O ngongoregile gape ka go sa tseneng diphuthego tsa kgotla ga badirela puso, a re seo ke sone se se bakang go salela kwa morago ga batho ba motse ka mananeo a nyeletso lehuma ka jaana ba sa tlhalosetse morafe ka one

A re bodirela puso jo bo kwa motseng oo, bo tshwanetse ja dira le bone ka megopolo e ba nang le yone go tlhabolola motse wa bone, fela jaaka ba ba kwa metseng e mengwe.

Fa a akgela mo matshwenyegong a bone mopalamente o gakolotse komiti ya ditlhabololo tsa motse go bitsa bogogi jo bo lebaneng jaaka ofisi ya boipelego, kgosi le molomaganya ditiro tsa lenaneo la Ipelegeng go ba thusa go rarabolola mathata a bone e seng go tsenya mapolotiki go tla go tsamaisa dikgang tsa bone.

Rre Pheto a re  tumalano kgotsa morero o tshwanetse wa tlotlwa le go dira ka neelano. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Dinah Mfulwane

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 14 Oct 2013