Breaking News

Masisi o dumalana le ba Manyana

14 Oct 2013

Mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi a re seemo sa go tlhoka go abelwa lefatshe kwa Manyana ga se itumedise.

O buile jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Manyana bosheng kwa banni ba ngongoregileng thata ka sebaka se se leele ba sa abelwe ditsha ka gore go santse go dirwa ditlhotlhomiso kwa motseng oo mabapi le gore lefatshe le seloko ebile le ranyega.

Banni ba ne ba ngongorega thata gore palo ya bone e a ngotlega fa bangwe ba kopa ditsha kwa Mmankgodi, Thamaga le Ntlhantlhe. Ba boletse fa bana ba bone ba sa itse gore ba tla aga kae ka gore ditlhotlhomiso di tsere lobaka thata. Ba kopile gore segolo ba abelwe ditsha fa godimo ga thaba ee mo motseng wa bone ka e siametse dikago.

Banni ba bile ba bolela fa ba ipaakanyetsa go rwala ditlhako go isa ngongora ya bone kwa go mothusa tautona gore a leke go rarabolola kgang ya bone.

Rre Masisi, yo gape e leng tona wa ofisi ya Merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso, o ba boleletse gore o dumalana le bone gore kgang e e kgologolo ebile ka e le Batswana ba na le tshwanelo ya go fetela kwa go mothusa tautona ebile o ka ba thusa go bua le ene. O boletse fa a le moemedi wa bone mme a na le bone mo dikgannyeng tsotlhe tse di sa  ba tseyeng sentle.

O boletse fa kgolo ya motse e ba beile ka fa mosing e bile a kaya fa ditlhabololo go dirwa mo lefelong go lebilwe dipalo tsa batho. O boletse fa puso e dirle go le go tona go tlhabolola matshelo a Batswana fa go tshwantshanngwa le nako ya fa Botswana a ne a tsaya boipuso.

O boletse fa nako eno kwelo tlase ya itsholelo e amile thata ditlhabololo dingwe tse di neng di le mo lenaneong di tshwanetse go dirwa,  mme a bolela fa a neetswe boikarabelo ja go tsamaisa lenaneo la nyeletso lehuma la nta ya tlhogo.

O kopile banni ba Manyana go akola lenaneo leo thata ka gore le tlhabolola matshelo a Batswana ba ba amilweng thata ke lehuma. O boletse fa madi a lenaneo a le teng a emetse mongwe le mongwe yo o tshwanelwang ke lenaneo.

Ba lekgotla la kabo ditsha la Moshupa ba boleletse banni gore seemo sa go ranyega ga lefatshe go dirile gore ba emise go aba lefatshe, mme ke tumalano ya bone le morafe wa Manyana. Ba dumalane gore go diegile ka gore baba tlhotlhomisang ke ba Geological Survey (GS) mme bodiredi jwa teng ke jone bo diegang ka ditlhotlhomiso, legale ba rile ba tla ba sala morago.

Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Manyana o boleletse tona fa leuba le ba apesitse kobo ka letshoba dikgomo tsa bone di e swa ka bontsi.
O kopile gore komiti ya balemi-barui e tsosolosiwe ka e sa tlhole e tshela mo motseng wa gagwe. O boletse fa komiti eo e ka thusa go bolela ka tlhagogo ya malwetse a leruo le gore seemo sa leuba se ntse jang.

Kgosi o kopile gore batho ka bontsi ba ikwadisetse ditlhopho ba bo ba tlhophe batho ba ba nang le boleng ka ba itse bokgoni ja banni ba motse wa Manyana. Le ene o ne a ngongorega ka  go tlhoka go abelwa lefatshe ka tiego ya ditlhotlhomiso le gore mmu wa bone o seloko.

O boletse fa ditlhabololo di eme fela ka gore motse ga gona kwa o golelang teng. Banni ba ngongoregile  gape ka tlhaelo ya metsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MANYANA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Oct 2013