Kgari o akgola ba Gerald Estate
14 Oct 2013
Kgosi Kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III a re kgotla ke lefelo le bogogi jwa morafe le sepolotoki bo kopanelang teng le morafe go tsaya megopolo le ditshwetso tsa matshelo ka jalo e tshwanetse ya tlotlwa.
E rile a bua kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di lesome kgotla ya Gerald Estate kwa Francistown e ntse e le teng, Kgosi Kgari a akgola banni ba Gerald Estate go lemoga botlhokwa jwa go nna le kgotla.
A re mo kgotleng ke gone mo maiteko a tshwana le mephato e e dirisiwang go araba matshwenyego a morafe e rerwang teng. O bile a akgola tshwaragano ya batho ba Gerald Estate a supa gore ke yone e nako tsotlhe e ka fenyang matshwanyego a morafe.
A re puso le yone e lemogile botlhokwa jwa tshwaragano ke ka jalo e rotloetsang dilo di tshwana le lenaneo la go itisa mo dikgaolong (cluster policing). Kgosikgolo o bile a gatelela botlhokwa jwa gore morafe o itsane ka a re seo se ka tiisa mowa wa go dira mmogo.
Fa a amogela baeng, Kgosi Paul Motshwane wa Gerald Estate o ne a re moletlo oo ga se go ipelela dingwaga tse di lesome fela mme gape ke go leba kwa morago go re ba kgonne eng le gore tse di ba paletseng ba ka di kgona jang.
A re moletlo oo gape o tla thusa go kopanya baeteledipele, morafe le badirela puso gore mmogo ba buisane tse di ka thusang motse wa bone go gatela pele. Kgosi Motshwane a re go lemosegile fa mowa wa boithaopo le go itirela o nyelela mme fa go ka nna le tshwaragano mowa oo o ka tsosolosiwa.
A re mowa wa tshwaragano o o renang kwa Gerald Estate o kgontshitse kgotla eo gore le fa e le nnye ka dingwaga mo go tse dingwe mo Francistown e bo e kgonne go nna yone ya ntlha go ipelela letsatsi la ngwao le gone tota go ipelela dingwaga tsa ntlha tse di lesome e ntse e le teng.
Kgosi Motshwane a re kgotla eo ke yone fela mo lefatsheng leno e e nang le komiti ya tokafatso maduo ke ka jalo ka ngwaga wa 2011 e ileng ya gapa maemo a ntlha le seetsele.
Dibui ka go farologana tse di neng di bua ka kgotla ya Gerald Estate go akarediwa le mme Kopano Kesekile ba ne ba akgola boeteledipele ja ga Kgosi Motshwane.
Mme Kesekile a re fa ba thibelela mo Gerald Estate ka ngwaga wa 2003 borukutlhi bo ne bo ile magoletsa gammogo le marekisetso a bojalwa a a neng a rekisa bosigo jotlhe mme ka therisanyo le morafe le mapodisi, Kgosi Motshwane a tsenya seemo mo taolong.
Mme Keitumetse Mohome yo le ene a neng a galaletsa Kgosi Motshwane, a re bo pelo telele jwa ga Kgosi Motshwane bo thusitse gore ba fitlhelele maikaelo a go keteka dingwaga tse di lesome kgotla ya bone e ntse e le teng.
Setlhogo sa letsatsi leo e ne le “Tshwaragano ke phenyo: Mmogo re ka kgona”. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keamogetse Letsholo
Location : FRANCISTOWN
Event : Moletlo wa ipelelo kgotla
Date : 14 Oct 2013






