Breaking News

Tiego ya pula e seka ya nna seipato molemisi

13 Oct 2013

Motshwarelela mogolwane wa balemisi mo  kgaolong  ya Mahalapye, Mme Motlapele Phetlo, a re beng ba ditshukudu tsa temo ga ba tshwanela go dirisa tiego ya go  tlhoka  gona  ga pula ka nako e le seipatlo sa go tlhoka go lemela Batswana jaaka puso e eletsa

Mme Phetlo o boletse mo potsolotsong gore beng ba diterekere ba tshwanetse go diragatsa lenaneo la  ISPAAD  jaaka  go solofetswe gore batho ba  kgone go ntsha dijo tse di lekaneng tse e bileng di ka ba direla dipoelo.

A re le fa pula e ka tsaya lebaka go phaila, balemisi ba ya go diragatsa maikaelelo a puso a  go lemela batho ka ditselana le go dirisa menontshane gore Batswana ba dike ba nnile le tlhobo e nametsang.

O tsweletse ka go tlhalosa gore ba ba tla ganang go lema ka ditselana, puso ga e na go ba duela ka jaana ba tla bo ba sa diragatsa maikaelelo a lenaneo la ISPAAD le maikaelelo a lone e leng go rotloetsa balemi go ntsha dijo tse di lekaneng gore lefatshe le no le emisa go ikaega ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe.

A re mo nakong ya gompieno lephata la temo-thuo le santse le abetse kgaolo ya gagwe diterekere tse nne (4) mme a bolela fa nngwe ya tsone e sa tlhole e bereka ntateng ya go se nyega. Mme  Phetlo  o  rile  ele  ba lephata la selemise ba  tshwenngwa ke batho ba eyareng ba sena go lemelwa ka dithuso tsa mmuso ba phuaganye  masimo a bone goya go ikwadisa  mo lenaneong la Ipelegeng, mme a re batho ba go nna jalo ba  tla  tseelwa dikgatlo  tse di maleba.

Mothusa modulasetilo wa lekgotla la beng ba diterekere Rre Lesego Baruti  a re le fa ele keletso ya Puso gore batho ba  lemelwe ka ditselana se be sa phiri ke tlhaelo ya di dirisiwa tsa temo ditshwana diterekere, megoma, dipolantara le go tlhoka  go  phaila ga pula ka nako e tshwanetseng.

Rre Baruti o boletse fa  lenaneo  la  ISPAAD  le  ka  ntsha  maduo a nametsang fa balemi,balemise le beng ba diterekere ba ka dirisana mmogo le go sala ditsamaiso tsa lenaneo la ISPAAD morago.

A re go tlhoka go lemela  batho  sentle ga beng ba ditshukudu tsa temo, go tlhoka go duela beng ba diterekere ka nakoga balemise, go tlhoka go ntsha mhero mo dijwalong ga balemi le go lesa loruo le senya mo masimo ke dingwe tse di kgoreletsang maiteko a Puso  a go rotloetsa Batswana go ntsha dijo tse di lekaneng.

Mabapi le beng ba diterekere bangwe ba go bolelwang ba lopa balemi madi a peeletso ka maikaelelo a go reka lookwane  Rre Baruti o kopile botlhe ba ba dirang jalo go emisa mokgwa wa go nna  jalo  ka  a re seo ke goja balemi mogantlho ntswa Puso e ba duelela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 13 Oct 2013