Bomme ba kopiwa go rotloetsa boikgapho
13 Oct 2013
Bomme ba kereke ya UCCSA ya Serowe ba gakolotswe go jwala le go tsweledisa mowa wa boikgapho mo go bomme ka kakaretso.
Mafoko a, a builwe ke moeteledipele wa kereke, Mme Molebi Morolong, kwa moletlong o neng o tshwaretswe bomme ba kereke eo, ba ba sa tlholeng ba kgona go kereka ntateng ya bogodi. Mme Morolong o ne a tlhalosa gore, o itemogetse gore bagodi ba, ba ne ba gatetse pele ka boikgapho le bopelotele, mme ka seo ba ka amogana le bomme ba gompieno maele a.
A re maikaelelo a moletlo e ne e le go leka go phutlha bomme gore ba anywe maele a ka bomme ba pele ba neng ba tsamaisa merero ya kereke le go itsaa motlhala e le batsweledisi go bona fa ba tlhaelang teng. Le fa go ntse jalo, Mme Morolong o ne a supa fa bomme ba banana ba sena bobelotelele le boikgapho jo ba bo supegediwang ke ba bagolwane.
A re go a tlhobaetsa go bona bomme ba banana ba fitlhwelwa ba amanngwa le ditiro tsa botlhoka tsebe, a tlatsa ka gore mosadi o tsewa e le thari ya sechaba, ka jalo serodumo sa teng se tshwanetse go tshegediwa le go jwalwa mo dikokomaneng.
Mme Morolong o tsweletse a re go a itumedisa go bona bomme ba ba sa tlholeng ba na le maatla a go ka phuthega kwa kerekeng ka ntlha ya bogodi le bolwetsi, ba santse ba na le keletso e ntsi mo tsamaisong ya kereke.
Fa a tswa la gagwe mongwe wa bagodi ba, Mme Sennye Kgosimoloi a re nako ya bone ba ne ba ikgobokanya ba dire tiro tsa diatla di tshwana go apaya le go roka ba dirisa masalela a didirisiwa, e re morago ba rekise go kgobokanya madi a letlole.
A re ba ne ba phutlhagana go rutana le go kgothatsana mo lefokong la Modimo bas a tlogele ditiro tsa bobelotlhomogi kwa morago.O kgaletse bomme ba banana go ikaega thata mo go rekeng, a bolela fa bone ba ne dirisa dijo tsa naga, tse di sa thokeng theko,ka jalo ba boloke madi.
Mme Kgosimoloi a re go bo ba santse ba tsweletse mo tirong ya Modimo ke bobelotelele le boikgapho. A re nako tsa bone e ne e re ngwana ga a thokile boikarabelo, o le motsadi o kgaolwe mo ditirelong tsa kereke, ka jalo se se ne sse sa ba kgobe marapo, mme ba tswelele fela.
O bile a re boikgapho bo ba thusitse ka ba ne ba kgona go apara ka mokgwa o haphegileng o supa tlotlo mo mothong wa mme. Tshisibalo e ba neng ban a le yone a re e ba thusitse go ka tswelela pele le go godisa malwapa a bone, ka ba ne ba tlotla banna ba bone.
Mme Kgosimoloi a re e re letswa tekatekanyo e rotloediwa, e kgona go baka ketsaetsego ka malwapa ka bontsi a thubiwa ke go leka go goga malwapa boo babedi, a tlatsa ka gore ga e nke e etelelwa pele ke e namagadi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Sethunya Malaakgosi
Location : SEROWE
Event : Moletlo wa bomme
Date : 13 Oct 2013






