Banana ba gakololwa go tswa ka megopolo ya dikgwebo
13 Oct 2013
Mogolwane kwa ofising ya banana mo Molepolole, Mme Boitshepi Bolele o gakolotse banana go tla ka megopolo e e farologanyeng ya di kgwebo.
A re gole gantsi banana ba inaakanya thata le dikgwebo tsa goruwa dikoko, le ntswa gona le dikgwebo tse dingwe tse baka di dirang. Mme Bolele o buile se fa a ne a araba matshwenyego a banana mo phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe kwa kgaolwaneng ya Lephaleng.
A re megopolo e banana batlang ka yone kwa diofising go kopa dithuso tsa madi a mananeo a banana a go itirela dikgwebo e tla e le mentle , mme sebe sa phiri ke gore ga se bone ba ikwalelang a tlhalosa fa seo el e sone se se dirang gore bontsi jwa dikgwebo tsa banana diphutlhame.
O gakolotse banana fa go dira kgwebo go batla batho ba banang le maikaelelo a a tsepameng ka jalo megopolo e ba e kwalang e tshwanetse ya supa kafa dikgwebo tsa bone di ya go tsamaisiwang ka teng.
O bile a kopa ba ba sa atlegang mo dikopong tsa bone go nna ba ya kwa diofising ya banana e seng go itlhoboga. Mo phuthegong eo, banana ba ne ba supa fa bontsi jwa bone bo felelwa bo tlelwa ke go itlhoboga ka ntata ya go tlhoka tirisano mmogo e ntle le bodiredi kwa di ofising tsa banana, le gore ga ba nke ba leba dikopo tsa bone ka leitlho le le tseneletseng.
Mo tekodisong ya gagwe, mopalamente o ne a supa fa le ene a sa itumedisiwe ke go salela kwa morago ra ditiro dingwe tsa ditlhabololo kwa kgaolong eo jaaka ditsela, lentswa dingwe tsa tsone jaaka kgopo ya mesele ya metsi a leswe di ne di ntsheditswe madi .
O tlhaloseditse batho fa tona yo a lebaneng a ne a tlhalosa fa tiego ya tiro eo e bakilwe ke gore mealo e e neng e dirilwe e ne e setse ele megologolo. Mopalamente o ne a tlhalosa fa tiego ya kgopo ya metsi a leswe e itsa batho go tswelela le ditlhabololo.
Ka thuto mopalamente o boletse fa sekolo sa Lephaleng se tlhaelelwa ke matlo a borutelo a fera bobedi a re seo seama boleng jwa thuto ya bana, ka jaana bana dikolo ka bontsi di santse di rutela bana kafa tlase ga ditlhare a re seemo seo ga se a siama bogolo jang mo nakong ya dipula le letsatsi.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Dinah Mfulwane
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Oct 2013






