Breaking News

Mokhanserala o somotse ka tlhogo

13 Oct 2013

Mopalamente wa Bobirwa o lekodisitse banni ba Lentswelemoriti le Mothabaneng fa metse ya bone e sena mokhanselara morago ga gore mokhanselara wa kgaolo a ithole tiro kgwedi ya Lwetse e le masome a mararo.

Rre Shaw Kgathi  a re mokhanselara, Rre Joseph Madome wa Bobirwa East o tlogetse morafe o o mo sebaka tsatsing ka a tlogetse tiro lebaka la gagwe le ise le wele ka jalo ba ipaakanyetse go nna lebaka la ngwaga ba sena moemedi kwa khanseleng.

Mopalamente o buile seo kwa phuthegong ya kgotla kwa metseng e o Phalane a tlhola malatsi a ferabobedi. Mokhanselara, Rre Madome o tlogetse tiro go ya go phadisanya le ba bangwe mo maemong a bogosi jwa motse wa Mothabaneng morago ga gore kgosi ya motse o o, Rre Johannes Sepoda a tlogele tiro ka bogodi.

Rre Kgathi a re phatlha e e butsweng ke mokhanselara e mo tlama gore a ikgaoganye a tseye boikarabelo jwa bokhanselara le bopalamente. O ba kopile gore banni ba metse ba seke ba tsenwa ke mowa wa boitlhobogo mme ba dirise ofisi ya mopalamente go bega dikgwetlho tsa bone.

A re gape ba dirise makhanselara a metse e e mabapi le  bone ya Mathathane ebong Ishamael Legwaila go mo itekodisa gammogo le komiti ya ditlhabololo tsa motse wa bone.

Fa a itebaganya le komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kgathi o ne a tlhalosa fa esa tshwanela go lopa dilo tse di seyong mo ditogamaanong tsa ditlhabolo. A re go le gantsi, dikomiti ya ditlhabolo mo metseng e mengwe di rata go bua ka ditlhabololo tse di seyong mo ditlogamaanong e le go leka go lotlhanya moeteledipele le banni.

O ne a bua seo a araba selelo sa komiti ya Motlhabaneng e e supileng fa ba nale lebaka ba ntse ba kopile gore tsela ya Mothabaneng/ Mathathane e tshelwe sekontere. Rre Kgathi a re tsela eo ga e yo mo ditogamaanong tsa ditlhabololo.

Rre Kgathi yo e bileng e le tona wa banana, metshameko le ngwao a re ditlhabololo di kopiwa ke komiti ya ditlhabololo gore di akarediwe mo lenaneong la ditlhabololo mme a kopa gore komiti e o e inaakanye le tiro ya yone ya go loga ditogamaano tsa motse wa bone.

Fa a itebaganya le banana, Rre Kgathi a re ga ba a tshwanela go tlhabisa lephatla la gagwe ditlhong ka go itlhokomolosa mananeo a a dirilweng go tlhokafatsa matshelo a bone.

A re mananeo a mantsi a banana ba ka a dirisang go tlhabolola itsholelo ya bone go na le go ikanya go bereka Ipelegeng. Kwa Lentswelemoriti, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Kebaabetswe Masoba o supile fa mananeo a Ipelegeng a tshweletse sentle.

A re lephatla la banana ka thulaganyo ya Boot Camp le setse le akareditse banana ba motse wa bone ebile ba bone sebaka sa go ya go ithuta kwa Boitekanelo College.

Banni ba motse o ka bontsi ba lebogetse ditlhabololo tse ba di bonang. Modiri mo ofising ya Omang, Mme Gasebonno Batsile o supile fa banni ba Lentswelemoriti ba iteka thata mo go ntshafatseng dikarata tsa bone.

A re dikarata mo Bobirwa tsa batho ba ba naleng tshwanelo ya go go tlhopha di le 561 di ya bokhutlong ngwaga o fela fa di le 1 438 di tla felela ngwaga o o tlang.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Oct 2013