Letsema le bolotse kwa Tati Siding
13 Oct 2013
Morafe wa Tati Siding kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o boloditse letsema kgwedi eno e le malatsi a le marataro.
Mo potsolotsong, Kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding o boletse fa tiro eo e ne tsenwe ke banni ba Tati Siding ba kopane le baruti ba dikereke ka go farologana. Kgosi Nkgageng a re ka lone letsatsi leo, morafe wa Tati Siding o ne wa tsaya ditshwetso dingwe jaaka gore ba seka ba lema ka pula ya sephai mme ba leme ka ya bobedi.
A re dingwe tse go dumalanweng ka tsone ke gore go seka ga lengwa ka Labotlhano le gore ope fa a feditse go roba, a seka a tsenya dikgomo tsa gagwe mo tshimong go fitlhelela go rebolwa gore ba dire jalo.
E re dikgang di eme jalo, Kgosi Nkgageng o kopile baratani go emisa mokgwa wa go nna mmogo ba sa nyalana, ka go felela go baka dintwa tse di sa tlhokafaleng. Kgosi o ne a ntsha kgalemo eo, morago ga tsheko e mo go yone Rre Edward Makwiwa wa dingwaga tse di masome a mararo le bone, a neng a sekisediwa molato wa go itaya mokapelo wa gagwe ka mabole mme a mo gobatsa mo tlhogong.
Tiragalo eo e diragetse kgwedi ya Lwetse e tlhola ga supa mme mokapelo wa gagwe o ne a ya go alafelwa dikgobalo tse di potlana kwa kokelong ya Tati Siding. Rre Makhiwa o ne a pegiwa dithupa tse tlhano morago ga gore lekgotla le tseye tsia boikuelo jwa gagwe jwa gore kgolegelo e ka mmaya ka fa mosing, ka e le ene a tlhokomelang ngwana wa gagwe le mmaagwe.
Fa a ntsha katlholo, Kgosi Nkgageng o ne a tlhalosa fa molato o o dirilweng ke Rre Makhiwa o ka mo romela kgolegelong ya lebaka la ngwaga, a re fela o tsere tsia boikuelo jwa gagwe mme a mo fa dithupa tseo gore a seka a tlhola a dira jalo gape. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 13 Oct 2013






