Breaking News

Bomme ba Mafetsakgang ke megaka

10 Oct 2013

Go tsofala yo o ratang….Batho ba le bantsi fa ba tsena mo dingwageng tse di fetang masome a a robang bobedi ba a itlhoboga mme mo go bomme ba Mafetsakgang bogodi ga se sekgoreletsi.

Mophato o, o o nang le bomme ba ka nna masome a mararo, o bopilwe ka bomme ba dingwaga tse di fa gare ga masome a supa le masome a roba-bongwe. Se se kgethegileng thata ka mophato o, ke gore ga o kake wa ba tlhoka gope mo meletlong e metona mo motseng wa Serowe, ka ba opela ba letsa marapo.

Seane sa maano ga a site se itebagantse le bone, ka ruri e rile bogolologo go sena ditlamelo kgotsa didirisiwa ba dirisa sengwe le sengwe se ba se bonang go ka itlosa bodutu. Mophato wa Mafetsakgang o tlwaelesegile ka mmino wa marapo. Marapo fela a kgomo, bomme ba ba dirisa one ele diletso tsa bone go opela.

Fa a tlhalosa ka mophato wa bone, Mme Sebitsanyo Ramaphane yo gape eleng moopedisi, a tlhalosa fa mophato o simologile ka 1988. Mme Ramaphane o ne a tlhalosa gore ka nako tsa fa go santse go iwa mophatong go ne go tsamaya borre fela, mme ka jalo ba seka ba nna fela ele bomme.

A re ba ne ba ikgobakanya mme ba ya kwa go Mme Naledi Khama yo eleng rakgadie Tautona go mo tlhalosetsa fa le bone ba batla mophato. O ne a tlhalosa gore Mme Khama o ne a ya kwa kgosing go mo tlhalosetsa fa go nale setlhopha sa bomme se le sone se batlang go alosiwa.

Mme Ramaphane a re e rile Kgosi go utlwa se a itumela mme a ba bitsa leina Mafetsakgang fela jaaka borre baba neng ba tswa mophatong ka nako eo, e bile gape ke ka moo ba bidiwang mophato wa ga Naledi Khama kgotsa dinonyane tse di tshweu tsa ga Naledi.

A re bogologolo ditiro mo motseng di ne di tsamaisiwa ke mephato, dikgotlana di ikemela mme di berekelwa ke batho ba tsone. “Serowe o motona mme ngwanaka fa o bona a tlhabologile jaana ke mephato, le rona Mafetsakgang re le mo teng, re dira re sare re duelwe jaaka lona bana ba sesha".

Mosadimogolo Ramaphane o ikgantsha gore bone ele bomme ba Mafetsakgang ke bone batho ba ntlha go akanya gore go ka dirwa sefikantswe sa ga Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama.

Fa a tlhalosa ka marapo Mme Ramaphane o bua ka boitumelo jo bogolo e le ruri, gore fa ba fatlhoga ba fitlhetse bommangwaneabone ba Mophato wa Makgasa ba a letsa mme bone ba ithuta mo go ba Malekantwa. “Mophato wa Malekantwa yo re o sa lang morago ke one y re itutileng go letsa marapo mo go bone,”…

O ne a tlhalosa gore batho ba le bantsi bogolo jang ba ba tswang kwa mafelong a mangwe ban a le go ba makalela, gore ba dirisa marapo jaaka diletso. A re marapo a ga ba tlhoke sepe fela se setona sa bone ke go kopa borre bogolo jang fa go nale mediro go ba beela marapo gore batle ba a dirisi.

A re marapo a dikgomo tse di nonneng ke one a a siameng ka le modumo wa one fa o setse o tlhagelela mo pineng wa utlwala.Se se re itumedisang ke gore marapo a, a kgona go tsaya dingwaga re ntse re a dirisa, ga a senyege ka a bo a apeilwe ka mafura gore a tie.

Mme Ramaphane o tlhalositse fa a tsaletswe kopelo, e bile a kaya fa ele yone botshelo ja gagwe. ‘ Nna ke motho wa kopelo ngwanake, le bomme ba a kitse fa ke re 3 measure step……(o bua jaana a tsenya marapo fa gare ga menwana a supa), ba a itse gore ka reng…..

A re dipina tsa bone ba ditlhama ba lebile gore ba laleditswe moletlo wa eng, dipina tsa rona di akaretsa bo Botsalo jwa ga Seretse, Ngwao boswa, le pina ya bone ya Mophato wa Mafetsakgang.

O tsweletse ka go supa fa bone ba ikgantsha gore ele basadi bagolo ba mo Serowe jaana ba kile ba bo ba opelela Tautona wa pele wa lefatshe la South Africa nako e a neng a etetse mono.

E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa Mophato Mme Tshenyo Motsokono a tlhalosa fa mophato ele lerato, kopelo le kagiso.

Mme Motsokono fela jaaka Mme Ramaphane o tlhalositse fa ba ne ba ipopa ele bomme gore le bone ba batla go nna mophato gore batle ba kgone go direla motse wa bone sentle.

A re ba ka tswa ba itsege thata ka go letsa marapo mme ba nale ditiro dingwe tse ba di dirang mo motseng wa Serowe le kgaolo ka bophara.

Mme Motsokono o supile fa ngwao boswa, mathata ke gore ba tlhoka bao ba ba ka barutang go letsa marapo.

A re thuto ya go letsa ka marapo e fleets mo go bone, fa e se bao le bao fela mme bone ba eletsa gore b aka etela kwa dikoleng ya go ruta bana ngwao. O tlhalositse gore bogodi bo itseetse tshwetso jaanong, le go bona ga bas a bona mme ba kopa setshaba bogolo jang ba Kgaolo ya legare go ikopanya le bone gore b aba fe thuto e.

Mme Motsokono o ne a tlhalosa gore ele ba Mafetsakang ba kopana laboraro mongwe le mongwe go ikgakolola le go buisana ka mophato yo wa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 10 Oct 2013