Magakwa a tshetsa bomme
10 Oct 2013
Bomme ba motse wa Bobonong ba ka nna lesome ba ipopile setlhopha go itshetsa ka go kgobokanya le go rekisa majwe.
Majwe a, a a bidiwang Carnalian, Botswana Pink le Agate, a bonala thata mo kgaolong ya Bobirwa. Moeteledipele wa setlhopha se, Mme Ndu Ngwako o tlhalositse se morago ga leeto la molaodi wa kgaolo ya Bobirwa, Rre Mompoloki Mochanang bosheng.
Mme Ngwako o boletse fa ba sale ba simolola tiro e ya bone ka ngwaga wa 1993, mme ba sela majwe a kwa masimong a Keisane le go ralala naga ya kgaolo ya Bobirwa. O tlhalositse fa mo tshimologong ya bone bane ba rutiwa mefuta le boleng jwa majwe a, le gore a ka ba sologela molemo jang ke Rre Rapelang Nkgowe wa kompone ya Masa Semi Precious Stone.
A re Rre Nkgowe o ba thusitse fela thata ka e bile ba rekisetsa khamphani ya gagwe majwe o ne a. O supile fa majwe a bone a rekwa ka dikanti tsa dilithara tse di masome a mabedi e bile a rekwa go ya ka boleng jwa one.
Mme Ngwako o boletse fa majwe a boleng jo bo kwa godimo a rekwa masome a mathano a dipula kgotsa e le nngwe, fa a boleng jo bo kwa tlase a rekwa ka masome a mararo le bothano kanti ele nngwe go ya ka mofuta wa majwe a.
O ne a lebogela botsipa jo ba bo neetsweng ke Rre Nkgowe mme a solofetsa fa ba tlaa tswelela ba dirisa botsipa jo a ba bo neetseng go itshetsa. E rile a tswa la gagwe, Rre Nkgowe a tlhalositse fa a le motlotlo go bona a kgonne go tlhamela Batswana ditiro mo nakong e letlhoko la ditiro le ileng magoletsa mo lefatsheng leno.
O boletse fa tirisano mmogo ya bomme ba e dirile gore kompone ya gagwe e bo e le fa eleng teng ebile e itsega kwa mafatsheng aa tsididi. Rre Nkgowe o lebogetse seabe sa bomme ba mo kgwebong ya gagwe e bile a tlhalosa fa tirisano mmogo ya bone e gola ka nako tsotlhe.
Rre Mochanang ene o tlhalositse fa seabe sa ga Rre Nkgowe mo go kabakanyeng itsholelo ya lefatshe leno se bonwa ke mang le mang. Rre Mochanang o boletse fa Rre Nkgowe a bile a ne a tlhophiwa go nna mongwe wa ba Batswana ba Tautona a neng a ba abelang dietsele ka malatsi a boipuso go ba lebogela ka fa ba kabakanyang itsholelo ya lefatshe leno ka teng.
O ne a rotloetsa Rre Nkgowe le bomme ba go tswelela ba tshwaragane gore matshelo a bone tokafale ka puso ya lefatshe leno e eletsa go bona batho ba yone ba tshela sentle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 10 Oct 2013






