Go sa tlhabolole ditsha go a tshwenya
10 Oct 2013
Modiri wa lephata la kabo ditsha la Letlhakeng, Rre Solly Phetolo o supile fa ba sa itumedisiwe ke ditsha tse di tsayang lebaka le leleele di sa tlhabololwe kwa Khudumelapye.
Rre Phetolo o buile seo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke ba lephata leo ka Labobedi kwa Khudumelapye. O tlhalositse fa go sa tlhabolola ditsha ga banni ba motse oo go sa ba berekise sentle ka ba fitlhela ba baya ditsha tse disha mo godimo ga tse di teng ka go sena bosupi bo tshwana le mekono le dilaene.
Rre Phetolo o supile gape fa basa itumedisiwe ke bangwe ba ba phuntseng didiba tsa nosetso merogo mme ba bo ba sa di dirise tiriso ya tsone. O supile fa lephata le tlaa tseela ba ba dirang jalo dikgato. O tsweletse ka go tlhalosa fa setsha se fiwa beke tse thataro go tlhabololwa, mme go fetisa sebaka seo setsha seo se ka amogiwa sa bewa mongwe.
Mongwe wa banni ba motse o Rre Jobe Kgotlhang o kopile ba lephata la kabo ditsha go latedisa gore a batho ba dirisa lefatshe se ba neng bale kopela sone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : KHUDUMELAPYE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 10 Oct 2013






