Breaking News

Senweng melemo ntleng le taelo

10 Oct 2013

Moemedi wa sepatela sa Scottish Livingstone, Mme Setho Babitseng o gakolotse morafe wa Molepolole go emisa mowa go nwa melemo kgapetsa kgapetsa ntleng le taelo ya ba botsogo  ka go le diphatsa thata mo matshelong a bone.

O buile se bosheng mo phuthegong ee neng e buisiwa ke mothusa tona wa tsa merero ya ofisi ya ga tautona, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri. O supile fa Batswana ba na le mokgwa wa go nwa melemo mengwe le mengwe fela ba sa fiwa taelo ke ba botsogo.

O ne a tswelela a tlhalosa fa e bile batho ba a nwa melemo e kgapetsa kgapetsa mo bangwe jaanong ba sa kgoneng go dira sepe ba sa e nwa. Mme Babitseng a re se se borai fela thata ka mo nakong e telele se felela se sentse dikarolo dingwe tsa mmele jaaka sebete.

“Ke akaretsa melemo yotlhe fela eleng ya Setswana le ya sekgoa”, ga gatelela jalo Mme Babitseng. Ka jalo o rotloeditse morafe go kopa thuso mo go ba bongaka pele ba tsaya tswetso ya go nwa melemo.

O bile a supa gore fa ba simolodisa motho dipilisi segolo jang tsa kgotholo e tona le segajaja le malwetsi a mangwe fela jalo ba na le gore ba sekaseke go bona gore seemo sa sebete sa gagwe se ntse jang.

A re dipilisi tse di ritibatsang botlhoko jaaka dipanado le diparacetamol  batho ba di nwa fela o kare ba nwa metsi mme dilo tse di le borai fela thata fa di nowa pheteletsa. Mme Babitseng o tsweletse a tlhalosetsa morafe gape gore dino tse di bolelo le tsone di senya dikarolo dingwe tsa mmele mme a gatelela gore bojalwa segolo bogolo Batswana ba bo ikgatholose le jone ka bo le diphatsha fela jalo.

O ne a tswelela a lekodisa morafe gore mo sepatela sa Scottish ditirelo le ditlhabololo  di ntse di a oketsega ka monokela, a supa gore o bua jaana a tlhlosa gore goi setse tlisitswe bo mankge ba babedi ba malwetse a bana le wa loaro a le mongwe.

O ne gape a kopa morafe gore ba itlwaetse go kopa thuso mo dikokelwaneng tse di gaufi le bone pele ba ka ya sepatela mme se se ka thusa go fokotsa mosuke kwa sepatela.

Le fa go ntse jalo Mme Babitseng are ntswa ba leka go thusa Balwetse ka bonatla le bonako jo bo kalo ba dikaganyeditswe ke dikgwetlho di le mmalwa.  Are metsi le motlakase ga di seo ke mathata tota, a tlhalosa gore dikgwedi tse tlhano tse di fetileng metsi e ntse e le kgwetlho e bile ditiro tse dingwe di ne di ba tlama go ya kwa Sepateleng sa Marina go di dira segolo jang tsa go tlhatswa dikobo. 

Kwa bofelelong Mme Babitseng o rotloeditse morafe go tseela dikgang tsa botsogo kwa godimo ka jaana di le botlhokwa fela thata. O bile a tlatsa ka gore morafe o ikeetleetse o e go itlhatlhobela mogare wa bolwetse jwa HIV/AIDS

Source : BOPA

Author : Boikanyo Sarefo

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego

Date : 10 Oct 2013