Ba Tshwaaane ga bana go thubelwa
09 Oct 2013
Mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi o tlhaloseditse banni ba kgotla ya Dibotong ba ba agileng kwa Tshwaane gore puso e tsere tshwetso ya gore ba seka ba thubelwa matlo a bone ke ba kabo ditsha jaaka gone go tlhalositswe pele.
Mopalamente Masisi yo o ebileng gape ele tona wa Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso o tlhalositse jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotleng ya Dibotong mo Moshupa ka mosupologo.
O boletse gore morago ga selelo sa bontsi jwa mafelo mo Botswana aa neng a kaiwa ele a bo maipayafela a tshwanetse go thubiwa mme khuduthamaga ya matona a puso ya kopanya ditlhogo go tlhotlhomisa go tsenela kwa teng, mme tshwetso ya nna gore baba siameng batla abelwa ditsha sentle fela ba sa thubelwa.
Tona Masisi o boletse fa mo kgaolong ya gagwe metsana ee seng kafa molaong jaaka Goo Kodisa, Tshwaane, Diboto le Bikwe di sena go thubiwa mme ba ba seng kafa molaong batla hudusiwa morago ga dipuisano.
Tona Masisi o boletse fa dikgaolo tseo tsotlhe a di itse le gore ke metse se masimo ebile ba na le lobaka ba ntse ba lema foo thata, mme a bolela fa khuduthamaga ya matona a puso a bone gole botlhokwa go bua kgang eo kwa ntle ga kgotla tshekelo.
Rre Masisi o kgadile batho bangwe baba tsamayang ba tshosetsa banni ba metsana eo gore puso e setlhogo e tsile go ba thubela go sena lobaka lepe mo masimong a bone a bogologolo.
Banni bane ba amogela tshwetso ya puso ka megolokwane le monyenyo o mo tona, ba bolela fa ba ntsi ba ne ba nna ka tlhobaelo e tona. Ba boletse fa ba tla wela dibete fa ba letlelelwa go aga semmuso ko maropeng a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MOSHUPA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 Oct 2013






