Breaking News

Lekgotla le beile mo Batswaneng go ikwadisa

09 Oct 2013

Mogolwane wa lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho mo kgaolong ya Letlhakeng, Rre Gakenosi Motshwarakgole a re ba dirile maiteko otlhe a go lemotsha Batswana ka botlhokwa jwa go ikwadisetsa ditlhopho.

Ka jalo a re go mo maruding a bone go ikwadisa go netefatsa gore ba diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha ngwaga o o tlang. Rre Motshwarakgole o buile se mo potsolotsong mme o ne a supa fa tlhopho e le motlhale o batho ba ka supang dikeletso tsa bone ka teng e bile e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe.

O ne gape a kopa Batswana go ititaya ka thupana go netefatsa gore ba ikwadisetsa ditlhopho ka jaana ditlhopho di feela ditsela tsa gore ditlhabololo di nne teng gammogo le ditlamelo. O ne a rotloetsa Batswana go tsibogela go ikwadisetsa ditlhopho go sale nako go na le go emela motsotso wa bofelo ka jaana go kgona go nna le mosuke.

Rre Motshwarakgole o supile fa ikwadisetso ditlhopho e e sa tswang go simologa kgwedi eno e tlhola gane e tsamaya ka lobelo le le kwa tlase fela thata fa go tshwantshwanngwa le dingwaga tse di fetileng. O supile fa bangwe ba akanya fa malatsi a go ikwadisa a le mantsi mme fela go sa nna jalo ka jaana go ka nna le mosuke o montsi ka malatsi a bofelo.

O supile fa mafelo a ikwadisetso a bulwa le ka mafelo a beke go fa badirelapuso sebaka sa go ikwadisa ka jaana ba a bo ba tshwerwe ke tsa tiro fa gare ga beke.

Le fa go ntse jalo,rre Motshwarakgole a re ntswa banni ba kgaolo ya Letlhakeng ba simolotse ikwadiso eo ka dipalo tse di boutsana, fela ikwadiso e simologile ka thelelo go sena mathata ape.

Fa a itebaganya le banana ba lefatshe leno, Rre Motshwarakgole o supile fa ba ofisi ya ditlhopho ba setse ba itemogetse gore banana ga ba tlhophe ka dipalo tse di nametsang ka ba ntsha mabaka a a farologanyeng a gore ke eng ba le boitseme mo go tlhopheng baeteledipele ba bone,mme o ba kopile go boela seo morago mme fela ba iketleetse ka jaana tlhopho e le botlhokwa fela thata. Bokhutlo
 

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 09 Oct 2013