Breaking News

Maduo ga a itumedise - Goya

09 Oct 2013

Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraela Goya a re o tshwentswe ke maduo a ditlhathobo mo dikolong tsa Palapye aa nnang a le kwa tlase ngwaga le ngwaga.

O buile jalo bosheng mo phuthegong ya kgotla e a neng a  e tshwaraganetse le maloko a lekgotla la baruti e moono wa yone e neng e le go rapelela bana ba dikolo tsa Palapye ba ba tla bong ba kwala ditlhatlhobo ngwana ono.

A re o gwetlilwe ke gore Palapye ke mongwe wa metse e gantsi o fitlhelang bana ba ba mo go one ba gobeya mo motseng  ba sa atlega mo ditlhatlhobong tsa bone ba tlhaetse go ya kwa dikolong tsa ithutelo ditiro ka mabaka a maduo aa sa nametsang.

O ne a kopa batsadi gore ba lwantshe kgwetlho e thata ya kwelo tlase ya maduo a ditlhatlhobo mo dikolong tsa motse ono  gore bana ba bone le bone batle ba akole mogopolo wa ba lekgotla la mafatshe fatshe wa gore ngwana mongwe le mongwe a nne le tshwanelo ya go akola thuto.

O ne a tswelela a re puso ene ya tlhabolola thuto mo dikolong maikaelelo e le gone go leka go bona gore lefatshe leno le tswelela mo thutong ka go ntsha dialogane  tse di nonofileng go ka tsoga e le bone ba tsamaisi ba lefatshe leno.

Rre Goya a re go rutega ga bana go ka thusa gore le bone kamoso  banne le bana baba ka isiwang kwa mafatsheng a sele go berekela lefatshe leno. One a fa sekai ka ba letso la India are  fa ba le mo lefatsheng leno jaana bontlha bongwe ba direla lefatshe la bone madi.

Orile a bua ka mmadikolo wa bobedi yoo agilweng mo motseng wa Palapye a re o kopa gore batsadi ba lwe tlhata gore bana ba bone le bone ba tle ba atlege mo dithutong tsa bone gore ba bone diphatlha mo sekolong se.

Kwa bofelong one a kopa bana gore ba tlotle batsadi gore batle ba bone masego le matlhogonono a go tswelela mo ditlhutong tsa bone le mo isagong ya botshelo jwa bone le kokeletso ya malatsi.

Kgosi wa Palapye Kgosi Raditanka Ntebele one a ikuela mo batsading are bana mo dikolong dingwe ba tlhaselwa ke dilo, mme go le botlhokwa gore baruti ba rapele gore dilo tse di seka tsa kgoreletsa bana mo dithutong tsa bone.

Kgosi are mme botlhata jo ga bo mo dikolong fela, a re bo amile motse otlhe wa Palapye , a re go belaesega go na le phuthego ya kereke ya ga saatane e e dirang bosula mo motseng wa gagwe.

Mogokgo wa sekolo sese botlana sa Sebeso Rre Patrick Moeti le ene one a ikuela mo batsading are bana ba nna le mathata mo dikolong,are bane ba bona ngwana a kua are o bona dilo mme bone basa di bone.

A re bana ba go nna jalo fa go tla ditlhathobo gab a dire sentle ntswa e se bana ba ba palelwang. Mogokgo one a wetsa ka go kgotlhatsa bana are ba ikage ba tswe mo go direng dilo tse di sa ba siamelang ka di ka ba gogela mo tlhaelong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 09 Oct 2013