Breaking News

Madirelo a mashi a tlaa bona thuso

08 Oct 2013

Local Enterprise Authority (LEA) le khamphani ya MilkAfric, e e gwebang ka mashi, ba dirile tumalano ya go tswa ka megopolo wa go thusa barui ba dikgomo tsa mashi le bagwebi ba mashi.

Mokwalo o o supang maitlamo ao, o supa gore go tlaa dirisiwa polase nngwe ya dikgomo tsa mashi kwa kgaolong ya Lobatse, go supa gore kgwebo eo e ka tsamaisiwa jang gore e nne le dipoelo.

Mokwalo oo o supa le gore mashi a tlhaela fela thata mo lefatsheng leno, o supa le gore dikgomo tsa mashi di tlhaelela kgakala, o re palo ya tsone ke 5 000 mme go solofelwa lefatshe leno le ka lekanwa ke mashi a dikgomo di le 15 000, go nosa Batswana ngwaga otlhe.

E rile kwa moletlong o o neng o rulaganyeditswe tumalano eo, makgotla ao ka bobedi, a supa gore tshwaragano eo e tlaa ntsha maduo a a bonalang le tirisano ya sebaka se seleele.

Lekgotla la MilkAfric le tlhamilwe ka 2010 ka maikaelelo a go tshegetsa mhama wa kgwebo ya mashi le go ntsha dijo tsa maemo a a kwa godimo ga mmogo le go ruta ka tsamaiso e e ka melediwang mathe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Mokwalo wa maitlamo

Date : 08 Oct 2013