Breaking News

Borre ba tlhoka kemonokeng

08 Oct 2013

Kgosi Shathani Kgakanyane wa Sebina, o kgothaditse bomme go nna teng fa borre ba dira learo le le haphegileng.

O boletse mo potsolotsong gore bomme batshwanetse go tshegetsa borre ka nako ya learo, go supa lorato. A re go dira jalo go ka thusa thata mo go fokotseng malwetse a tlhakanelo dikobo jaaka HIV/AIDS ga mmogo le kankere ya molomo wa popelo ya bomme. A re go dira jalo go tlaa lemotsha borre fa motho wa mme a le mosola thata e bile e le thari ya setshaba.

Kgosi Kgakanyane o ne a rotloetsa borre go tsamaya le  bana ba bone ba basimane fa baya go dira learo. O ne a tlhalosa fa go tlhoka go dira learo e le go tsenya matshelo a bone ga mmogo le bakapelo ba bone mo diphatseng.

A re gape go thusa le go bona mangwe malwetse a dikobo ka gore fa o ka fitlhelwa ka malwetse mangwe ao o ka thusiwa ka bofefo jo bo kgonagalang go boloka botshelo jwa gagwe le jwa mokapelo wa gagwe.

Kgosi Kgakanyane o ne a kopa borre go intsha kwa morago, ba se ka ba tshaba go etela dikokelo, go ya go itlhatlhobela malwetse a a farologaneng, a re dipatlisiso di supile fa lefatshe ka bophara borre e le bone ba di gogang kwa pele mo go tshabeng go etela dikokelo.

A re se se utlwisang botlhoko ke gore bontsi jwa nako, borre ke bone fitlhelwang ka malwetse a tlhakanelo dikobo. Kwa bofelong Kgosi Kgakanyane o ne a kopa borre gore ba se ka ba gana fa bomme ba bone ba batla go ba pata kwa dikokelong fa ba ya go dira loaro le go itlhatlhobela malwetse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kepaletswe Mudongo

Location : SEBINA

Event : Potsolotso

Date : 08 Oct 2013