Dikgaisano di a wela
08 Oct 2013
Dikgaisano tsa bodiragatsi tse di ntseng di tsweletse kwa dikgaolwaneng tsa botlhophi tsa Kgalagadi Borwa, di tloga di ya bokhutlong.
E ne ya re ka mafelo a beke, ga bo go o sha logong go sala molora, fa ditlhopha tsa bodiragatsi ka go farologana jaaka mmino wa setso, poko, ditinkane, dikhwaere, dikatara le metshameko ya serala di ne di iteisana borathana kwa Werda.
Kwa go tsone dikgaisano tseo, mogolwane wa lephata la bodiragatsi le ngwao kwa Tsabong, Mme Malebogo Mosala, o ne a kgothatsa ditlhopha tsa bodiragatsi go godisa ditalente tsa bone le go di tsaya e le dikgwebo tse di ka ba humisang mo isagong, fa ba itsetsepetse.
Mme Mosala o ne a gwetlha ditlhopha tsotlhe go tsaya malebela le go ithuta mo go bangwe gore ba tle ba kgone go gola.O ne a ba kgothatsa go bula matlole a dipolokelo gore madi a bone a babalesege.
O ne a supa fa maikaelelo a lenaneo le e le go ntsha banana mo mebileng ka go ba aga. Mogolwane o ne a gwetlha badiragatsi go itlotla ka dinako tsotlhe le go nna sekao mo setshabeng ka melaetsa e ba e gasang.
Mo dikgaisanong tsa dikhwaere, ya Logonono LG kwa Tsabong, e ne ya tsaya maemo a ntlha, ya longwa serota ke ya Kagiso kwa Kokotsha, ya bofelo ya nna ya Tsogong Maroko ya Tsabong bokone.
Mmino wa setso o ne wa tsewa ke setlhopha sa Diphala tsa ngwao go tswa kwa Maralaleng, se latelwa ke sa Re Batswana go tswa kwa Kokotsha, fa sa bofelo e ne le sa Di ya ntweng yone e le ya Tsabong.
Mo metshamekong ya serala, Baithaopi go tswa kwa Bogogobo ba ne ba gapa maemo a ntlha fa a bobedi a tserwe ke Itireleng go tswa kwa Gakhibane. Maemo a ntlha mo kgaisanong ya ditinkane, a ne a gapiwa ke Rre Samanyane Kudume, a bobedi one a gapiwa ke Rre Kediutlwile Mathule.
Mo dikatareng, maemo a ntlha a ne a gapiwa ke Rre Ferry Michael go tswa kwa Hereford, a longwa serota ke Rre Nkopo Ditshoso go tswa Kokotsha, maemo a boraro o ne a gapiwa ke Rre Andries Bok, go tswa kwa Werda.
Mo mabokong, Rre Tshwarelo Maletsi e ne ya nna ene mofenyi wa ntlha go tswa kwa Hereford, a latelwa ke Rre Osenotse Fox wa Tsabong Bokone, fa maemo a boraro a tserwe ke Rre Olebogeng Mosimnewapula go tswa kwa Kokotsha.
Mongwe wa baatlhodi ba letsatsi leo, Rre Alfed Itumeleng morutabana go tswa kwa sekoleng se sebotlana sa Tsabong, o ne a gakolola badiragatsi go itlhokotsa ka dinako tsotlhe le go kopa dikgakololo mo go ba bangwe, go nna seeposengwe go dirsana sentle mo setlhopheng, go nna pelotelele le go nna lorato mo go se ba se dirang.
O ne a kopa le ba ba fentsweng gore ba se ka ba kgobega marapo mme ba tswelele ka go dira ka natla le go baakanya diphoso tsa bone mo nakong e e tlang.
Mokhanselara wa Werda, Mme Bakae Mathule, o ne a kopa badiragatsi go ikgapha go tsena mo ditirong tsa botlhokatsebe ka bo ba senyetsa botshelo mo isagong. O ne a ba gwetlha go fetoga ka go nna sekao ka go gasa melaetsa ka bodiragatsi jwa bone.
Mokhanselara Mathule o ne a rotloetsa bogolo jang bomme go tsaya karolo mo bodiragatsing le gore ba emane nokeng ka dinako tsotlhe ka e lebone thari ya setshaba.
O ne a kopa ditlhopha go dirisa madi a ba atswiwang ka one mo dikgaisanong tseo ka kelelelo le ka go ka di thusa go itlhamela ditiro, go fokotsa tlhaelo e ntsi ya ditiro mo lefatsheng leno, a tlatsa ka go leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo dikgaisanong tseo di atlege.
Go lebilwe gore e re mo bosheng, go bo tshwerwe dikgaisano tsa mebino ya Polka le mmamadikwadikwane, tse le tsone di tlaa tlhotlhang ditlhopha tse fentseng. BOPA
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Dikgaisano
Date : 08 Oct 2013






