Breaking News

Kondjou ke senakangwedi

07 Oct 2013

Monana wa Xaixai, Grace Kondjou ke ene mofenyi wa mmabontle wa nyeletso lehuma.

O ikgapetse maemo a ntlha ka mafelo a beke, kwa  moletlong o o neng o tshologetswe thata, ke baagi ba motse le badirelapuso. Kgaisano e ya mmabontle, e ne e tshwaretswe kwa sekoleng se segolwane sa Okavango, kwa motseng wa Gumare. Grace o ikgapetse P2000.

Maemo a bobedi a ne a tsewa ke Mme Ogone Kandjahe, wa Qangwa, mme a ikgapela P1500, fa a boraro a ile kwa motseng wa Katupura a gapiwa ke Mme Susan Amos, a bo a ikgapela P1000.  

Mma boipelego yo o okametseng kgaolo ya Okavango, Mme Akanyang Tshomane, o tlhalositse gore banana ba ba neng ba tsere karolo ba ne ba tswa kwa metseng e e akaretsang, Kaputura, Ghani, Gudigwa, le Qangwa.

O tlhalositse gore mo nakong eno, ba tlaa leka ka bojotlhe gore bafenyi ba ba katisiwe fela thata gore ba kgone go fenya le kwa dikgaisanong tsa Gaborone. A re ba ikaelela  go isa bafenyi kwa Maun, kwa ba tlaa tsenelelang dithuto tsa bommabontle go ikoketsa.

Dikgaisano tse tsa mmabontle tse di neng di tshelegetswe ke batho ba metse e farologaneng, di ne di ne di natefisiwa ke mmino ya badiragatsi ba ba farologaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Gumare

Event : Modiro wa bommabontle

Date : 07 Oct 2013