Ba Legare ba rebotswe go lema
07 Oct 2013
Bogosi kwa Gammangwato bo boloditse letsema. Morafe, dikgosi le dikereke ka go farologana, di ne di phuthegetse kwa kgotleng ya Serowe, go tla go amogela molaetsa wa letsema le go rapelela pula.
E rile a bolotsa letsema ka Tshipi, Phalane a tlhola ga rataro, motshwarelela bogosi jwa Gammangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane, a kopa morafe wa Bangwato go ipaakanyetsa dipula tsa ntlha ka manontlhotlho. Kgosi Kgamane o ne a tlhalosa fa ka ngwao ya bone, letsema le bolodiwa ka Tshipi wa ntlha wa kgwedi ya Phalane ngwaga le ngwaga, ka e le nako e ka yone pula e simololang go na.
A re fa go bolodiwa letsema gape go rapelelwa le pula, mme a kopa morafe go rapela thata gore pula e ne mme ba ye masimo ba ye go baya ditema. O ne a tlhalosa gore e re ba ntse ba letetse pula, ba ipaakanye ka tsotlhe gore fela fa pula ya ntlha e na, le bone ba bo ba le mo seemong sa go simolola go lema.
Kgosi Kgamane o ne a gakolola morafe go baakanya tshotlhe, menontshane, dipeo, go epiwe disana, diterekere di nne mo seemong se se siameng le gore magora a tlhatlhaganyetswe, go itsa leruo bogolo jang dikgomo go ba senyetsa. Le fa go ntse jalo, Kgosi Kgamane o ne a kopa barui go tlhokomela dikgomo tsa bone gore di se ka tsa senyetsa balemi, a tlatsa ka gore dikgang tsa dikgomo tse di senyetsang batho di ile magoletsa.
A re dikgang tse tsa tshenyo ya leruo di tshwenya fela thata, mme e bile puso e kopile dikgakololo mo bogosing mabapi le bothata joo. O ne a gakolola morafe wa gagwe gape gore e re ba ntse ba ipaakanya jaana, ba dirise le dikgakololo tsa balemisi, ka di ka ba sologela molemo fela thata go tlhabolola temo ya bone bogolo jang ka ba rotloediwa go lema ka ditselana.
Kgosi Kgamane o ne a gakolola gape le boraditerekere go lemela batho sentle, ba tswe mo moweng wa go phaka masimo ba lebile dituelo mme ba felele ba lemela batho ba itlhaganetse. O ne a tlhagisa le balemi gore le bone ba tlhokomele temo ya bone thata, a tlatsa ka gore lefatshe leno le ikaegile ka temo ka e jesa Batswana, ka jalo ba tlhokomele masimo, ba tlhagole gore dijwalo di se ka tsa hupetswa ke mhero.
A re tlholego ya Motswana ke temo, ka jalo ba tseye temo ya bone ka tlhwaafalo gore dijo di bonale. E ntse e le ka letsema, Kgosi Kgamane o ne a tlhalosetsa morafe wa gagwe gore ditsheko tsa tetlano di tsile go emisiwa go fitlhelela temo e fela. A re se, ke go fa batho go lema le go tlhokomela masimo a bone ba phutholegile, mme a kopa morafe go se tshwarane ka dipelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : Serowe
Event : Letsatsi la go bolotsa letsema
Date : 07 Oct 2013






