Monna o falola ka bobi jwa segokgo
07 Oct 2013
Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabobedi, o falotse ka bobi jwa segokgo morago ga gore ntlo e a neng a robetse mo go yone e jewe ke molelo e bo e lore bosheng.
Mogolwane wa sepodisi kwa Tsabong, Rre Howard Modo, o tlhalositse go re tiragalo eo e diragetse mo mosong wa letsatsi la Matlhatso fa gare ga nako ya bongwe le ya bobedi.
Rre Modo o tlhalositse fa ntlo e e sheleng e le dikamore tse tlhano mme mo go yone go ne go robetse rre a le mongwe fela. O supile go re ga ba itse se se ka tswang se bakile molelo mme ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse. A re go ya ka rre yo o neng a le mo ntlong, molelo o bakilwe ke sefetlhaphefo se se neng se tshubilwe.
A re sefetlhaphefo se ne sa tuka se bo se kapisa dilwana tse dingwe. Rre yoo a re e rile go bona molelo o gakala, a kua mokgosi mme batho ba tla go thusa le ntswa go tsere sebaka ka gone go le bosigo.
Rre yoo o ne a bona dikgobalo tse dipotlana mo matsogong le mo maotong mme go boletswe fa a sidilega. Mo potsolotsong le mong wa ntlo, e bong mme wa dingwaga tse di masome a mane le bone, yo o neng a se yo fa tiragalo e e diragala, o tlhalositse fa a begetswe ka tiragalo e ka nako ya bobedi mosong oo, mme mo go goregeng ga gagwe a fitlhela setshaba se setse se tsile go ba tshologa mokgosi.
A re ntle le go falotsa monnawe (rre yo o neng a robetse mo ntlong) ga go sepe sa dilwana se se ntshitsweng, tsotlhe di loretse mo ntlong. O tsweletse ka go leboga batho ba ba ba duleng thuso, a re ba tswelele ka mowa oo wa bone wa lorato, kutlwelobotlhoko le thusano.
“Ke leboga setshaba go bo se nthusitse le ba lelwapa la me mo nakong ya kutlobotlhoko bogolo jang ka se bolokile botshelo jwa ga nnake,” a rialo. Mme yo o tlhalositse fa dilwana tse di shetseng mo ntlong di ka lopa madi a a kana ka P67 534. Rre Modo o kopile setshaba go nna kelotlhoko fa ba dirisa didirisiwa tsa motlakase, ka di ka nna kotsi mo matshelong a bone fa di sa dirisewe sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oteng Gabankalafe
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 07 Oct 2013






