Ba Pole ba itsaya motlhala
07 Oct 2013
E re jaaka Setswana se re bana ba kgori, monokana o seng, tshika e ya baneng e a kgaoga, e ne ya re mo bosheng, ba lelwapa la bogosi jwa Pole kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, ba tshwaragane le morafe wa motse oo, ba tshwara moletlo wa go ikitsisanya le go bua ka ditso tsa motse wa bone.
Moletlo oo o ne o tshwaretswe kwa lefelong le le kgethegileng, kwa setlhareng sa ‘Nzeze’gone kwa motseng oo, kgwedi eno e le malatsi a matlhano. Setlhare seo go tlhalositswe fa e le se se neng se dirisiwa bogologolo ke baagi ba motse oo e le lefelo le go neng go rapelelwa pula le go kopanela teng ka malatsi a Botsalo jwa Morena.
Kwa moletlong oo, dibui ka go farologana di ne tsa leboga mongwe wa ba lesika la bogosi, Rre Peter Ketlogetswe, yo o neng a ntsha a mogopolo oo, le gone go rotloetsa moletlo oo ka go ntsha tse di neng tsa thusa batho go tshegetsa mala.
Ba tlhalositse fa moletlo wa go tshwana le oo, o le botlhokwa thata ka o kopanya morafe le go thusa ba bogosi go itsanye go ya ka go tlhatlologana ga malwapa a bone. Fa a nankola ditso tsa motse wa Pole, mongwe wa ditlogolwana tsa bogosi jwa Pole, Rre California Kombani, o ne a tlhalosa fa motse oo, o thibeletse foo ka dingwaga tsa bo1788 mme batho ba one ke Badheti, ba ba neng ba tswa Boteti mme bangwe ba bone ba kwa metseng ya Mopipi, Xhumo, Rakops, Makalamabedi, Matopi le e mengwe.
Rre Kombani a re Badheti bao ba dule koo, kwa bophirimatsatsi ba thatafaletswe ke botshelo jwa go tlhoka ditiro mme ya re kgabagare ba tla ba wela kwa motseng wa Mapoka, ba alotswe ke Matebele. O tsweletse a tlhalosa fa e ne ya re moragonyana, ba tswa kwa motseng wa Mapoka, ba leka go tsweledisa mosepele wa bone, ba leba ntlheng ya borwa mme ba felela gone fa lefelong leo le ba neng ba le bitsa Pole.
Rre Peter Ketlogetswe o ne a leboga botlhe ba ba neng ba ba thologa mokgosi ka go tla moletlong oo, a re o ne a tswa ka mogopolo oo wa moletlo wa go ikitsesanya, e le gone go leka go rotloetsa malwapa go itse ka fa a tlhatlologanang ka teng. A re o ne a lebisa ba lelwapa la bogosi mogopolo oo, phelelong wa lebisiwa morafe mme ga dumalanwa ka bongwe fela jwa pelo gore go tshwarwe moletlo oo.
Moletlo oo, o ne o tsenwe ke baemedi ba metse e mengwe e e mabapi jaaka Mosojane le Masukwane. E re ka jaana o ne o tshwaretswe kwa lefelong le le kgwethegileng la ngwao, o ne wa natefisiwa ka dipina tsa setso di akaretsa ndazula, mokomoto le maile. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Moletlo wa ditso
Date : 07 Oct 2013






