Breaking News

Kgosi Ramokobetwane o akgola banana

07 Oct 2013

Kgosi Edwin Ramokobetwane wa Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o akgoletse banana go supa tebelopele le boikarabelo ka go bona go le botlhokwa go nna le komiti ya bone.

Kgosi o buile seo fa a ne a buisa banana ba motse oo pele ga tlhopho ya komiti ya banana ya motse. Fa a latlhela la gagwe, modulasetilo wa komiti e e neng e sa tswa go tlhophiwa, Rre Olebetse Phemelo o supile fa ba ikemiseditse go bereka le banana ba motse ka nako tsotlhe.

Rre Phemelo o supile fa a tshwenngwa ke seemo sa boradidiba ba ba sa ba feng tetla kana teseletso ya go nosa gore ba akole mananeo a puso. O supile fa go ka nna botlhokwa fa puso e ka ba fa sediba sengwe fela se se sa dirisiweng e le sa banana go tlhofofatsa dilelo tsa bone.

O tsweletse ka go kgala boradidiba ba ba lopang kana ba lefisa banana ba ba kopang meriti ya diteseletso tsa go nosa are go supa fa ba sa kgatlhegele go nna le seabe mo tlhabololong ya matshelo a banana. Rre Phemelo o supile fa e le komiti ba ikaeletse gore ba tlaa kopa dithuso tsa go agelwa lefelo la itloso bodutu mo motseng oo.

O gwetlhile banana ba Khudumelapye go inaakanya le diphetogo tsa segompieno go intsha kwa morago.O supile gape gore ba tla tlhomamisa gore ba ikopanya le makgotla mangwe a a ikemetseng ka nosi go rutuntsha banana ka tsa kgwebo le tsa itshetso.

E rile a leboga kwa tirong eo, rre Benjamin Bogosi o gwetlhile komiti go bereka ka natla le go tlhomamisa gore ba dira letseno la madi go kgona go tsamaisa komiti. O kgotlhaditse banana go sa ipone tsapa ba akole mananeo a itshetso a puso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 07 Oct 2013