Breaking News

Sepodisi se akgola morafe wa Bobirwa

06 Oct 2013

Mapodisi a Bobonong a akgoletse morafe wa kgaolo ya Bobirwa go bo ba ne ba itshwere sentle ka malatsi a boipuso.

Mothusa ramapodisi a Bobonong, Assistant Superitendant Nshaki Mabophiwa o tlhalositse mo potsolotsong, fa boitshwaro jwa setshaba e ne ele jo bo eletsegang ka malatsi a boipuso.

Rre Mabophiwa o boletse fa go nnile le ditiragalo dise kae tsedi diragetseng mo malatsing a. Mothusa Ramapodisi o tlhalositse fa go nnile le kotsi ya dikoloi dikilomethara di ka tshwara lesome gotswa mo Bobonong.

Kotsi e, e ne ele ya koloi ya modiro wa Toyota Corolla le Toyota VVTI tsedi neng ditswa Selebi Phikwe di ya Bobonong. Mothusa Ramapodisi a re koloi e nngwe e ne ya thula e nngwe kwa morago mme dikoloi tse tsa pitikologa.

Rre Mabophiwa a re go tlhokafetse monna wa dingwaga tse masome a mabedi le motso yoo neng a kgweetsa koloi ya modiro wa Toyota VVTI.  Bapagami ba bangwe bane ba bona dikgobalo tsedi masisi ebile ba robaditswe kwa kokelong ya Nyangabwe, Mahalapye le kwa Marina fa yo mongwe yoo neng a bone dikgobalo tsedi potlana a robaditswe mo kokelong ya Bobonong.

Mo tiragalong e nngwe, Rre Mabophiwa o tlhalositse fa magodu a ne a thuba kwa Sebata Kgomo Lodge mo Bobonong mme ga utswiwa madi aa ka tshwarang dikete tse thano le makgolo a boferabongwe a dipula ( P 5 900).

A re gago ope yoo tshwerweng mo tiragalong e mme ditlhotlhomiso tsa mapodise di tsweletse. Rre Mabophiwa o galaleditse beng ba madirelo a dibara go bo bane ba obamela melao ya thekiso ya bojalwa le ya go tsosa modumo.

Rre Mabophiwa a re Babirwa ka kakaretso bane ba itshwere sente mo malatsing a boipuso ebile ofisi ya bone e eletsa go bona se se diragala gape ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 06 Oct 2013