Balwala tlhaloganyo ba tlhoka thotloetso
06 Oct 2013
Mookamedi wa kokelo ya balwala tlhaloganyo ya Sbrana, Dr Mpho Thula, a re balwala tlhaloganyo ba tlhoka thotloetso le go tshegediwa ke ba malwapa a bone, masika le ditsala.
O tlhalositse jalo kwa thuto puisanong e e neng e rulaganyeditswe ba-na-le-seabe bosheng mo Gaborone, a bolela fa thotloetso le tshegetso di ka thusa mo go ba sidileng maikutlo le go lwantsha bolwetse.
Dr Thula a re ditshekatsheko di supile fa go ikgatholosa balwala tlhaloganyo, go tshwana le go ba baya kwa kokelong, go ka se ke go ba thuse go fola. A re fa motho yo o lwalang tlhaloganyo a tsoga letsatsi le letsatsi a na le ba ga bone, le ene o kgona go ipona a amogelesegile.
Mooki yo mogolwane kwa kokelong ya Sbrana, Mme Tootini Mackenzie, a re ba lemogile fa ba tshwanetse go ruta batho ba ba sidilang ditlhaloganyo ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone letsatsi le letsatsi.
A re mo godimo ga moo, thuto puisano eo e ne e itebagantse le go gokaganya ba-na-le-seabe ba tshwana le barutabana ba tshidilo maikutlo le botsamaisi jwa kokelo eo, gammogo le go otlelela thuto ka bolwetse jwa tlhaloganyo le tiriso ya ditagi mo botsogong jwa motho.
Morulaganyi wa botsogo jwa kwa tirong kwa lephateng la botsogo, Mme Heather Mothibedi, o tlhalositse go re go lwantsha bolwetse jwa tlhaloganyo, ga se fela go go itebaganya le go thusa balwetse gore ba fole, mme go tshwanetse go tilwa kgonagalo ya bolwetse joo le kanamo.
A re go tshwanetse ga nna le baitseanape ba popota, ba ba ka lwantshang kgonagalo le kanamo ya bolwetse jo ka ditsela tsotlhe. Mme Mothibedi o ne kopa go re mo isagong puso, e sekaseke go dira lefelo le balwetse ba ka tlhokomelelwang teng ke ba malwapa a bone, go kopantswe le go ba fa matsipa a gore fa ba le mo seemong se ba leng mo go sone, ba ka itshetsa jang.
A re balwetse ba tlhaloganyo ba le bantsi ba tlhoka fela go thusiwa gore ba ikamogele, ba bo ba tswelela le botshelo, segolo bogolo ba ba iseng ba koafale thata. Barutabana ba lebogetse thuto puisano eo, ba kaya fa e tlaa ba thusa go le gontsi ka jaana ba lebanwe ke dikgwetlho tse di golelang pele tsa baithuti ba ba dirisang ditagi, mme ba felele ba tlhoka thuso ya bone.
Thuto puisano eo ya letsatsi le le lengwe, e ne e itebagantse ba-na-le-seabe mo go thuseng balwala tlhaloganyo, segolo bogolo barutabana ba tshidilo maikutlo ba dikole tse dikgolwane tsa Gaborone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : GABORONE
Event : Thuto puisanyo
Date : 06 Oct 2013






