Breaking News

Maduo a sekole sa Omaweneno ga a jese diwelang

06 Oct 2013

E re le ntswa puso e batla gore ere ka ngwaga wa 2016 tshaba ya lefatshe leno e bo e rutegile e bile ena le dikitso, maduo a sekole se sebotlana sa Omaweneno kwa kgaolong ya Kgalagadi go lebega a ganetsa tebelopele eo.

Fa a tlhalosa mo bokopanong jwa batsadi le barutabana bosheng, mogokgo wa sekole, MKme Patricia Montsho o kaile fa maduo a sekole mo ngwageng tse tlhano tse di fetileng a sa jesa di welang.

Mme Montsho o supile fa mo ngwageng tse tlhano tse di neng di latelelana ba ise ba gatise maduo ape aa fetang masome a matlhano mo lekgolong, aba a supa fa ba ne ba gatisa maduo a lesome le bone mo lekgolong ka ngwaga wa 2010.

A re ka ngwaga wa 2008,2009,2011 le 2012 bane ba gatisa lesome le boraro, masome a mane le botlhano, masome a mararo le boferabongwe le masome a mane le botlhano mo lekgolong ka tatelano. Mogokgo a re se se bakilwe ke tlhaelo ya bodiredi le go kgotlhagana ga lenaneo lele tsamaisang thuto (syllabus).

A re mo dikoleng tse dingwe o fitlhela gona le barutabana ba feta bongwe ba tshwaraganetse mophato mme mo sekoleng sa gagwe mophato o na le morutabana a le mongwe mme se se ketefatsa tiro. Mme Montsho one a gatelela gore maduo aa ko tlase gase a bana ba mophato wa bosupa fela.

"Sekole sotlhe ka kakaretso ga se dire sentle. Bana ba mophato wa bone, batlhano le borataro le bone maduo a bone a ko tlase fela thata," a tlhalosa. O ne a boa a tlhalosa fa mo pakeng ya bobedi monongwaga bana ba mophato wa botlhano ba gatisitse maduo a bosupa mo lekgolong, a re se ke seemo sese tshwanatseng go emelwa ka dinao.

Mogokgo o ne a tswelela a tlhalosa fa bana basa dire bokoa mo dithutong fela, are le mo go tsa metshameko bana ga ba dire sentle, ka e rile mo go monongwaga ga nna le ngwana a le mongwe fela yoo neng a akarediwa mo setlhopheng sa Kgalagadi Borwa sese neng sa ya makgaolakgannye.

Legale Mme Montsho one a solofetsa gore ba ikaelela go fetola maduo a ngwaga ono, a re ba dirile lenaneo la gore bana ba tle sekoleng ka mafelo a beke go tla go kgarametsa tiro e e saletseng morago. A ba a kopa batsadi go rotloetsa bana go tla sekoleng gonale go ya merakeng ka se seka se ba thuse ka sepe mo dithutong tsa bone.

Fa a ntsha la gagwe motsadi e bile ele mookamedi wa kereke ya Unity Rre Watonda Kapeko o tlhalositse fa maduo aa kwa tlase a bakiwa ke gore batsadi gaba tseye thuto ya bana ka tlhoafalo. O tlhalositse fa batsadi bangwe ba tsaya nako e ntsi mo majalweng mme ba ikgatholose thuto ya bana.

Rre Kapeko o tlhalositse fa bana ba tsaya malebela mo batsading ba bone, ka jalo ba ka tsoga ba fetogile se batsadi ba bone e leng sone ka jalo a ba kopa go ikgapha mo matlhong a bana. A re o gwetlha batsadi botlhe go emela thuto ya bana ka dinao ka ele yone tsela go ya botshelong jo bo botoka.

Rre Kapeko a ba a rotloetsa batsadi go tshwaragana le barutabana, go bontsha bana gore barutabana le bone ke batsadi ba bone ka jalo ba tshwanetse go tlotlwa. Gape o rotloeditse batsadi go isa bana kwa dikerekeng gore ba rutwe boitshwaro jo bo lolameng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Oteng Gabankalafe

Location : OMAWENENO

Event : Bokopano jwa batsadi le barutabana

Date : 06 Oct 2013