Breaking News

Tlhomelang o batla tirisanyo mmogo

03 Oct 2013

Modulasetilo wa khansele ya Borwa Rre Leach Tlhomelang o boletse fa ba kgonne  ditlhabololo dingwe mo kgaolong le mororo itsholelo e wetse tlase e le ka ntata ya tirisano mmogo fa gare ga bogosi, molaodi, khansele le ba kabo ditsha.

Rre Tlhomelang o buile jalo a tshwere phuthego ya kgotla mo kgotleng kgolo ya Kanye bosheng. Rre Tlhomelang o ne a patilwe ke ditlhogo tsotlhe tsa makala a tsamaiso ya morafe kwa Kanye. O boletse fa ba dirile jalo ka madi a ma nnye a ba neng ba a filwe ke puso le a ba neng ba a ikgobokanyeditse e le khansele ya Borwa.

O boletse fa khansele e aga motseletsele wa mabenkele kwa  kgotleng yoora Mongala kwa Kanye e e tlaa lopang didikadike tsa dipula. O boletse fa madirelo ao a tlaa direla khansele madi e bile gape go tlaa thapiwa batho ba ba ntsi,mme a re a tlaa fela ngwaga o no.

O boletse fa go tsile go agiwa mmolo o mongwe gape kwa Mahube mme o tlaa simololwa mo bagaufing. A re ba aga dikago tseo ba  inaakantse le bagwebi  gore ba ba thuse. O boletse fa mafaratlhatlha a mesele ya kgopho ya metsi a a leswe mo Kanye le one a tlaa agwa. Rre Tlhomelang o kopile batho ba Kanye gore ditsha tse ba sa di diriseng ba di hirisetse ba ba nang le madi go di tlhabolola gore di seka tsa nna fela bone ba bolawa ke tlala.

O kopile balemi go hirisa masimo a bone a ba sa a lemeng go a neela ba  ba kgonang gore ba ntshe dijo. Ka seemo sa leuba modulasetilo o boletse fa lefatshe le aparetswe ke leuba le le maswe mme a bolela fa puso e ntshitse madi a ipelegeng gore Batswana ka go farologana ba tsenye seatla gore ba tle ba kgotetse molelo wa mariga. O boletse fa metswedi ya didiba e kgadile mme lenyora le iphile maatla, mme a ngongoregela barui ba ba nosang leruo metsi a batho.

O boletse fa barui bangwe ba phunya diphaephe tsa metsi go nosa leruo.

O begile gore leruo ga le  letlelelwe mo motseng ka le kgaola diterata le ditlhare mo malwapeng. O kopile gore ba bogosi ba tsee dikgato tse di maleba gore barui ba ntshe leruo mo motseng. O kgothaditse banana go inaakanya le mananeo a puso a go itlhabolola go itlhamela  ditiro.

O kopile batsadi go ikwadisetsa ditlhopho kgwedi eno ka makatlanamane. O boletse fa ditlhabololo di dirwa go lebilwe dipalo tsa batho, a ba kopa go tsaya bo O-mang ba bone le go shafatsa ba ba fedileng. E ne e rile go le pele mothusa kgosi ya bangwaketse Kgosi kebapetse Telekelo a ngongorega thata ka leswe le le bonwang mo motseng wa Kanye le tikologo.

Kgosi a re tikologo e e leswe e leswefatsa morafe o o nnang foo le go baka malwetse a a maswe a mangwe a one a sa foleng.

O kopile morafe go tlaleya ba ba  bonwang ba latlhela matlakala gongwe le gongwe. Baagi ba Kanye ba ne ba ngongorega gore bana ba motse oo ba fuduga mo Kanye ba lata mafulo a matalana go sele, ka go sena madirelo a matona a a ka hirang batho ba Kanye.

Ba boletse fa madirelo mangwe a puso a hudusitswe kwa Lobatse mme a tlogela batho ba sena ditiro, a fa sekai ka sekole se se rutang barutabana, kgotla kgolo ya ditsheko le ba RIIC. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Oct 2013