Breaking News

Mogote o gaketse kwa Chobe

03 Oct 2013

Mogote wa letsatsi la Chobe o gaketse mo o bakileng gore banni ba ikgogele kwa nokeng go itimola letsatsi mme ba bo ba lebale le borai jwa yone.

Paka e ya selemo, e rutile ba le bantsi go etela kwa nokeng ka ba sa e dirise fela mo go shapeng, mme bangwe bone ba e dirisa go tlhatswa diaparo le go  leba ditsatlholego, bogolo jang ka mafelo a beke.

Mongwe wa ba ba etelang noka eo, Rre Sankwasa Mongomba wa dingwaga di le masome mabedi le botlhano,  o  tlhalosa gore  noka ga e sa tlhole e le borai ka gonne e tsamaela go kgala, ka jalo diphologolo tse di nnang mo nokeng jaaka dikwena, dikubu le ditlhapi, di patelesega go ya kwa go nang le metsi a mantsi teng.

Mongomba o ne  a supa ngongorego ya go re ka go  tla batho ba le bantsi kwa mafelong a  go shapelwang kwa go one, mme bangwe ba bone ba kgotlela tikologo.

Le fa go ntse jalo, o tlhalositse gore go ya ga batho ka dipalo tse dintsi kwa nokeng, go thusa gore ba namolane, fa ba ka tlhagelwa ke mathata, a tlhalosa gore diphologolo ka bontsi di tshaba modumo, ka jalo fa batho ba tlhaba mokgosi, di a tshaba.

Moshapi yo mongwe, Mmoloki Eliot,  ene o tlhalosa go re batho ba motse oo ba ka boelwa fa ba ya kwa nokeng ka go re ba ka shapa ba bo ba tshwara ditlhapi, ba di rekisa go itshetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgato Naowe

Location : Kasane

Event : Potsolotso

Date : 03 Oct 2013