Breaking News

Kgosi Ditlhobolo o tlhomilwe

03 Oct 2013

Kgosi e tshwanetse go itlotla mo mabakeng otlhe, e bo e sale tsamaiso ya bogosi morago, go re e atlege. Mafoko a a ne a buiwa ke Kgosi Itsoseng Gaoonwe wa motse wa Letlhakeng, fa ne a tlhoma  kgosana Kebonye Ditlhobolo semmuso mo setilong sa bogosana kwa kgotlaneng ya ga Motshoto kwa Ditshegwane.

A re kgosi ga a umakiwe mo dilong tse di duleng mo tseleng jaaka makgamu a morafe, go fitlhelwa mo dikganneng tsa ditshebo mmogo le gone go utlwa ka magatwe, mo go ka tsogang go mo tlhokisa boikarabelo fa pele ga morafe.  Kgosi Gaoonwe a re bogosi ke selo se se tlotlegang fela thata ka e bile le puso ya lefatshe leno e bo tlotla ka e lemoga seabe se segolo se se dirwang ke dikgosi, ka jalo go le thona gore kgosi e itlhokomolose go itlotla.

Fa a itebaganya le kgosana Ditlhobolo yo e leng mme wa monana, mme a tlhongwa go nna kgosana ya tetlanyo morago ga loso lwa ga rraagwe, Rre Petrus Ditlhobolo, o mo itsesitse fa tiro ya gagwe e tona e tlaa bo e le go letlanya mo dikgannyeng tsa manyalo, go seka majo a dikgomo, dituelo tsa ba ba kolotanang le tse dingwe tse dipotlana, mme fa go na le bothata a se tshabe go ikatumetsa kgosi yo mogolwane wa motse.

Kgosi Tumiso Tsietso wa motse wa Sesung, o ne a gakolola Mme Ditlhobolo go tsaya batho ka go lekana, a re batho botlhe ba amogelelwe kwa kgotleng e seng kwa lwapeng mme e bile a sa amogele pipamolomo.

O mo gakolotse go re  seke dikgana a bo a di atlhole go ya ka bosupi jo bo duleng mo lekgotleng, e seng ka bogagagwe. Kgosi Tsietso a re Mme Ditlhobolo jaaka fa e le ngwana wa ga, moswi Ditlhobolo a se ka a tsaya tse di neng di ama rraagwe go di dira seipato mo tirong ya gagwe. A re o tshwanetse go  tshwaragana le dikomiti tse di mo motseng go tlhabolola motse wa gaabo, fela a ikgaphe mo dipolotiking.

O kopile ba kgotla ya ga Motshoto go re ba se ka ba  mo itlhotlhora morago ga go motlhoma, ba mo reetse, ba bo ba mo tlotle. Kgosana Ditlhobolo o ne a kopa morafe go mo ema nokeng, go re a kgone tiro eo. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Lillian Peloentle

Location : Letlhakeng

Event : Peo ya kgosi

Date : 03 Oct 2013