Breaking News

Lenaneo le akaretsa le badirelapuso

03 Oct 2013

Tona ya ofisi ya ga Tautona le bodirela puso Rre Mokgweetsi Masisi, o itsisitse  badirela puso gore ba a letlelelwa jaaka mongwe le mongwe go tsena mo lenaneong la go nyeletse lehuma la nta ya tlhogo gore le bone ba tlhabolole matshelo a bone. Tona, yo e bileng   e le mopalamente wa Moshupa, o buile jalo fa a ne a tshwere  phuthego ya kgotla kwa motseng wa Pitseng mo bosheng.

O boletse gore  ba ka thusiwa ka go tsenelela dithuto tsa mananeo itshetso mme bas a newe madi ka go re bone ba thapilwe.

O boletse fa lenaneo la go nyeletse lehuma la nta ya tlhogo e le la Motswana mongwe le mongwe, go sa kgathalesege gore ke wa maemo afe mo setshabeng. 

O boletse fa seemo sa lehuma se farologana mo bathong, mme a bolela gore lehuma le lengwe ga le ka ke la nyeletswa mme la nta ya tlhogo lone puso e batla go le nyeletsa ka ponyo ya leitlho. Tona Masisi o boletse fa lehuma la nta ya tlhogo e le le motho a tsogang a sa itse gore o ya go bona sejo kae, a se na le fa a latsang tlhogo teng.

O boletse fa Tautona wa lefatshe leno a dirile jalo fa a tsena mo setilong gore mangwe a maitlamo le maikaleleo a gagwe ke gore a lwantshe lehuma la nta ya tlhogo.

O boletse gore Tautona o ne a tlhoma lenaneo leo, a bo a le  etelelela pele,  le mororo go na le dikgwetlho. Tona o tlhalositse gore madi a lenaneo leo a teng, a tlhoka go dirisiwa, go thusa setshaba. O boletse fa mafelo a a neng a babaletswe thata ke lehuma, e le a Kgalagadi, Kweneng Bophirima, Ngami le Okavango, bontsi go amegile ba kwa tennyanateng.

O kopile baagi ba Pitseng go inaakanya thata le lenaneo gore ba tswe kwa morago, ba leme merogo, ba rue dipodi le dikoko. A re ga go  tlhokege sepe fela, batho ba a sekasekwa  ba bo ba fiwa dithuso.

O boletse fa tshekatsheko e simololwa pele mo go ba ba mo mophakong gore e re ba siama, ba ntshiwe mo mophakong, ba ikemele ka dinao.

O kopile banana le bone go ikitaya ka thupana go akola mananeo a puso gore ba iphire ba bo ba thape  batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, baagi ba ngongoregile gore go lema ditshingwana tse di mo segotlong go bokete ka ntlha ya tlhaelo ya metsi.

Ba boletse fa bontsi ba sa ntse bo solofeditswe go tla go sekwasekwa. Ba ngongoregile gape ka banana ba ba dipelo dikhutswane ka mananeo le mororo bontsi jwa bone bo sa dire.
Ba buile ka botlhoka tsebe jwa banana, ba bo ba bolela gape fa bana ba sa tsene dikole sentle, ba palelwa ke ditlhatlhobo mo go ngomolang pelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Oct 2013