Breaking News

Thuto ka melelwane e tsweletse

03 Oct 2013

Mopalamente wa Ngwaketse Borwa Rre Peter Siele, yo gape e leng tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae o boleletse baagi ba Seherelela  gore  tshekatsheko ya melelwane ya botlhophi e e neng e dirwa mo bosheng, e amile motse wa bone.

Rre Siele o buile jalo fa a tshwere  phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, a tlhalosetsa baagi gore  motse  wa bone jaanong o wela mo kgaolong ya botlhophi ya Kanye Borwa, a re seo se raya gore mo ditlhophong tse di tlang, ba tsile go tlhopha ba le mo kgaolong eo, ka jaana thulaganyo eo e tlaa simologa fa Palamente e phatlaladiwa ngwaga oo tlang.

A  re le fa ba ka tswa ba sa  itumelela tshwetso eo, ba amogele diphetogo, a bo a ba kgothaletsa go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba fa ikwadiso e simologa kgwedi eno e tlhola malatsi a le mane, gore ba tle ba diragatse tshwanelo ya bone ya go itlhophela baemedi ba ba ba ratang.

Mo phuthegong eo ya kgotla, mopalamente Siele o boletse fa a tsile go laela baagi ba Seherelela, ka jaana motse wa bone o dule mo kgaolong e a e emetseng. A re dingwe tsa ditiro tse ba tlaa mo gakologelwang ka tsone e le moemedi wa bone ke kago ya leobo la kgotla, ofisi ya kgotla, e kago ya yone e sa ntseng e tsweletse, go tlhatlosiwa maemo ga kgosi ya bone go nna e e sekisang le tse dingwe.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Itemogeng Seokamo, o ne a lebogela ditlhabololo tseo, a bo a  kopa gore motse wa bone o gokelwe motlakase le go re tsela ya Mosepele/Seherelela e tshelwe sekontere.

O ne a ntsha ngongora ka tiego ya didirisiwa dingwe tsa kago ya kgotla tse di tlang morago ga nako. Mopalamente o ne a wetsa ka go kopa gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e metona di nne di kgaoganya madi a boipuso ka tekatekanyo le metsana ya tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Oct 2013