Breaking News

Tlotlang mabitla le dintsho

03 Oct 2013

Diphuthego tsa dikereke tse di farologaneng di kgalemeletswe medumo mengwe e e kaiwang e sa amogelesege kwa mabitleng le kwa dintshong.

Kgalemo e e dirilwe ke  modulasetilo wa komiti ya baruti kwa Khudumelapye Rre Kgamane Mothupi kwa tshimolodisong ya kgwedi ya merapelo kwa motseng oo bosheng. Rre Mothupi o kopile baruti ba dikereke le maloko a tsone ka go farologana go emisa medumo ya diletso, meropa le go opa diatla  kwa mabitleng kana mo lesong.

O tlalositse fa dikereke di ka dira jalo kwa kerekeng fa moswi a sena go tsewa kwa setsidifatsing.

O tsweletse a supa gore kwa mabitleng le kwa lesong go a bo go kopane batho ba ditumelo ka go farologana. Rre Mothupi o kopile kemo nokeng  mo malokong a dikereke ka go farologana go dirisana le bone e le komiti ya baruti. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : Letlhakeng

Event : Kgwedi ya merapelo

Date : 03 Oct 2013