Breaking News

Dikeletso tsa banni ba Masunga di tlaa atlega

03 Oct 2013

Baagi ba motse wa Masunga ba itsisitswe gore dikeletso tsa bone tsa go nna le lekgotla la ditlhabololo  kwa motseng wa bone di tlaa diragadiwa.

Go ya ka modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Patrick Seleka, yo ene le ba komiti ya gagwe ba neng ba ithaopela tiro ya go simolodisa lekgotla leo ngwaga o o fetileng o ya fifing, ba setse ba kgonne go kwadisa lekgotla leo ka fa molaong gammogo le go le bulela polokelo ya madi.

Rre Seleka, yo o ntshitseng kitsiso eo kwa moletlong wa boipuso kwa kgotleng wa motse wa Masunga, o supile go re komiti e kgonne le go bulela lekgotla lebokoso la poso. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa dilo dingwe tse di botlhokwa di ise di dirwe, jaaka go tlhoma melawana ya boloko jwa lekgotla gammogo le go batla setsha se lekgotla le tlaa direlang tiro ya lone teng mo go lone.

O ne a gwetlha morafe wa motse wa Masunga go thusa, segolo bogolo mo go batleleng lekgotla la motse wa bone lefatshe.

Mo ntlheng e nngwe, Rre Seleka o ne a ikuela mo morafeng go tlhaloganya  tsamaiso ya ditiro tsa lekgotla la ditlhabololo e tlhoka madi, ka jalo go le botlhokwa gore ba nne ba latlhele sepe fela se ba ka se bonang mo letloleng gore ditiro di se ka tsa kgorelediwa ke letlhoko la madi.

Fa a akgela mo kgannyeng ya go tlhamiwa ga lekgotla leo la ditlhabololo, mothusa molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Mooketsi Lesetedi, o ne a lebogela kgato e e tserweng mme a gakolola ka botlhokwa jwa go akaretsa ofisi ya ga molaodi le ya mokwaledi wa khansele mo bolokong jwa lekgotla.

A re go dira jalo go ka letla botsamaisi go bona dikgakololo tse di ka nonotshang lekgotla le go le tlhokoletsa go ditiro tse dingwe. Moagi wa motse wa Masunga Rre Thomas Mpenya, o ne a gakolola ka botlhokwa jwa gore e re ntswa lekgotla le ka dira ditiro tse di farologaneng go nne le ya konokono e e leng yone mokokotlo wa lone.

Se, a re go dira jalo go  ka itsa go tshwara kwa le kwa, mo go kgonang go feletsa go koafatsa lekgotla ka ntlha ya go go phatlalatsa ditsompelo, tse fa gongwe di a bong di tlhaela le ditiro tse di farologaneng. Kgosi Maruje III wa motse wa Masunga, o ne a akgolela bana ba motse oo ba ba neng ba intsha setlhabelo go goga kwa tlhogong go tlhongwa ga lekgotla leo.

O ne a tlhalosa fa tshimolodiso ya lekgotla la motse oo e le tshimologo ya ditlhabololo tse dintsi tse di  tlaa dirwang, ka jalo a gwetlha gore mongwe le mongwe a ikitee ka thupana go tlhomamisa gore lekgotla la bone le a atlega.

Go tlhatswa mafoko a ga Kgosi Maruje III, baagi ba ba neng ba tsene moletlo kwa kgotleng, ba ne ba latlhela lemme le le neng la dira madi a a kana ka P1 007.00 go ya go tsenngwa mo polokelong ya lekgotla la motse wa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : Masunga

Event : Moletlo wa boipuso

Date : 03 Oct 2013