Ba lebogela lenaneo la Ipelegeng
03 Oct 2013
Banni ba motsana wa Dintsana mo kgaolong ya Ngwaketse Borwa, ba boletse fa ba lebogela lenaneo la Ipelegeng ka e le lone le ba tshetsang.
Ba boletse jalo mo bekeng e e fitileng mo phuthegong ya kgotla e tsentswe ke mopalamente wa bone Rre Peter Siele yo gape e leng Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae.
E rile a ntsha tekodiso ka motse Rre Ntwaetsile Rantwa a tlhalosetsa mopalamente fa ba ne ba fiwa tiro ya go agelela kgotla e ba tshwarelang diphuthego mo go yone ka dikota, go agelela mabitla le tse dingwe ka lenaneo la Ipelegeng a re gape kokelwana ya bone e ne ya rutlololwa ke phefo mme le yone go mo lenaneong gore ba e baakanye ka lenaneo la Ipelegeng, a re go a ba itumedisa go tsenya diatla ka lenaneo le, ka ba kgona go ithekela dijo.
Rre Rantwa a re o maswabi ka gore banana ba Dintsana ga ba bone mananeo a a ba lebaneng a puso go tokafatsa matshelo a bone mo ba felelang ba lwela lerapo le bagolo fa go thapelwa Ipelegeng.
Rre Rantwa o tsweletse a re, ba mo lenyoreng le le botlhoko mme a kopa gore ba gokelelwe pompo e e nosang morafe ka lenaneo la Ipelegeng go tswa kwa motseng wa Seherelela. O tlhalositse fa ba ngongorega ka mokhanselara wa bone yo o sa direleng morafe, fa e sale ba mo tlhopha ka 2009.
Ba re go tlhoka go iponatsa mo go bone go ba rontsha mananeo mangwe a puso a ba ka a tlhalosediwang botoka ke ene. Rre Siele one a ba kgothatsa go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba fa ikwadiso e simologa kgwedi eno e tlhola gane. A re ba tlhaloganye gore go tlhoka go ikwadisa ke go ithontsha tshwanelo ya go tlhopha.
O ba boleletse fa motsana wa bone o akareditswe mo dithulaganyong tsa ditlamelo tsa motse wa Seherelela, a re go raya gore jaanong motsana wa bone jaaka e le bontlha bongwe jwa Seherelela ditogamaano tsa Seherelela di a ba akaretsa. Rre Siele a re mme gone ba itse gore mo kemeding ya khansele Dintsana o wela kwa Gasita, a re ba dirilwe lehuka la Seherelela go lebilwe gore go gaufi go latela dithuso teng e bile bana ba ka tsena sekolo gaufi go na le Gasita.
Mopalamente Siele o ne a ba abela P500.00 a ba okeletsa madi a boipuso e leng P600.00 yo o tswang kwa khanseleng. Rre Siele o lebogetse banni bao go aga kgotla ka dikota e le lefelo le e tlaa reng isago go agwe leobo la kgotla mo go lone, mme a kopa gore lefelo leo le tlotlwe le fiwe seriti sa kgotla.
O tswelete a re puso ga e eletse go bona ngwana ope a tlhaelwa ke thuto ke ka moo go nang le lenaneo la gore bana ba ba neng ba tswa mo sekolong ba sa wetsa dithuto ka mabaka mangwe ba boele sekolong, a re e bile go mo thulaganyong ya gore mo metsaneng e go senang dipalamo bana ba pegiwe dikotsekara go ba isa dikolong kwa metseng e e gaufi le bone, e le maiteko a puso a go rotloetsa thuto.
E rile ba mokgwa dikgaba ba lebogela go bo motsana wa bone o akareditswe mo motseng wa Seherelela, ba re mme gone ba bete se molangwana ka go tlhopha mokhanselara e le wa Gasita mme ba kopa dithuso kwa Seherelela.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : Kanye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Oct 2013






