Kgosi Tekanyo o kgalema morafe
02 Oct 2013
Kgosi wa motse wa Kgoro mo kgaolong ya Morolong o rotse matshwenyego ka leruo le a tlhalositseng fa le hudisediwa fa tlase ga terata e e sireletsang masimo.
Kgosi James Tekanyo o tlhalositse jalo mo potsolotsong ya ba lekalana la BOPA a kaya fa terata eo e ne ya dirwa ke puso go leka go thusa balemi go sireletsa masimo a bone. A re bangwe ba banni ba metse ya Gathwane, Lejwana le Bethele ke bangwe ba barui ba ba hudisetsang dikgomo tsa bone fa terateng eo mme o ne a ba kopa go emisa go dira jalo.
Rre Tekanyo a re se se ngomolang pelo ke gore bangwe ba batho ba motse wa Kgoro ba na le seabe mo tirong eo a tlhalosa fa terata eo e diretswe balemi gore ba leme ka fa teng ga yone go itshetsa.
Fa a tswa la gagwe molemisi go tswa mo ofising ya Good Hope Mme Nonofo Gotcha o boletse fa ba itse ka seemo seo a tlatsa ka gore ba lekile go bua le morafe ka terata eo mme nako kgolo ke eno.
A re e le ba ofisi ya bolemisi seemo seo se ba tshwentse fela thata a supa fa ba nnile le diphutego di le mmalwa go leka go ruta morafe ka terata eo e a tlhalositseng fa e diretswe temo e seng mahudiso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 02 Oct 2013






