Breaking News

Baopedi ba itshwaraganya go nyeletsa lehuma

02 Oct 2013

E re ka Motswana a rile setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, baopedi ba mono gae le bone ba bone go tshwanela gore ba thuse puso mo ntweng ya go fedisa lehuma la nta ya tlhogo mo Batswaneng ka go ba abela dijo.

Rre Percy Mothibi yo e leng ene a di gogang kwa tlhogong mo tirong e, o tlhaloseditse BOPA mo maitisong a mmino a a neng a tshwerwe kwa Palapye bosheng  gore jaaka baopedi le baletsi ba mono gae ba bone go tshwanela gore ba nne le seabe mo go nyeletseng lehuma. 

A re tiro e e tshwaraganetswe ke Batswana ka bontsi ba ba mo mererong ya mmino le itloso bodutu ka go nna ba phuthagana ba bo ba letsa kgotsa ba bina go sa tsenwe ka madi mme babogedi ba lopiwa gore ba ntshe dijo di tshwana le sukiri, phaleche kapa kofi.

Rre Mothibi o tlhalositse gore fa e sale itsholelo ya lefatshe e ya kwa tlase batho ka bontsi ba ne ba ntshiwa mo mophakong wa dijo wa puso mme ba sa kgone go itshetsa ka jalo ba leka go thusa batho ba mohuta oo.

O tsweletse ka go tlhalosa gore fa ba sena go amogela dijo tseo, ba ikopanya le ba boipelego mo lefelong le ba a bo ba tshwaretse tiro eo mo go lone ka jaana bone ba itse gore ke bo mang ba ba tlhokang thuso thata.

O tlhalositse gore maikaelelo a bone ke gore ba tsamae lefatshe ka bophara ba kopa dithuso tsa mohuta o, a tlatsa ka gore ba simolotse tiro e kwa Gaborone mme ba bona katlego e kgolo fela thata. O ikuetse mo Batswaneng go tsibogela kopo e mme ba tlise dijo ka bontsi.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Palapye

Event : Maitiso a mmino

Date : 02 Oct 2013