Breaking News

Bagodi ba abelwa materase

02 Oct 2013

Mokhanselara wa kgaolwana ya Boseja Bophirima kwa Maun o abetse bagodi materase.

E rile a buwa mo phuthegong e e neng e tshologetswe kabo ya materase ao mo Kgotleng ya Boseja Bophirima mokhanselara wa kgaolo Rre Vepaune moreti a re o bonye go tshwanela go re le ene e le moemedi wa setshaba a nne le seabe go thusa puso fa e tlhaelelwang tleng.

Moreti o tsweletse ka go re o abela bagodi materase ka moono o mongwe fela wa lorato ka le tautona wa lefatshe leno a rotloetsa mowa o mo setshabeng. O tsweletse ka go re puso ke puso ka batho ka jalo go re puso e fitlhelele maitlamo a lefatshe leno a (vision 2016) ke fa setshaba se tsentse letsogo ka tlhoafalo.

Vepaune Moreti o gakolotse setshaba go tshwara dithuso tse ba di fiwang ka matsetseleko gore ba se boele mo botlhoking.

Moreti o tsweletse ka go tshepisa setshaba go tlhama letsatsi la bagodi gore ka letsatsi le bagodi ba atamelane go gakololana le go ruta banana ka dingwao le ditiragalo tsa maloba. E rile a tswa la gagwe mma boipelego wa kgaolo mme Thato Chipuka a re ke boitumelo jo bogolo thata go bona setshaba se  ikemiseditse go thusa puso go fedisa lehuma la nta ya tlhogo a re se se tshwanetse sa dirwa ke Motswana mongwe le mongwe ka se ba nang naso.

Mmaboitekanelo wa Kokelo potlana ya kgaolo ya boseja kubung mme Reginah Tuvare o ne a a tsaya sebaka go kgothatsa setshaba go nna le tirisano mmogo ka nako ya fa go tshelwa molemo o o bolayang montsana mo matlong a bone, a re ba tshwentswe thata ke batho bangwe ba ba ganang matlo a bone a tshelwa molemo ka seipato sa gore molemo o o diphatsa mme a re go bakwa ke go sa tsaya ditaelo sentle ga setshaba.

O tsweletse ka go tsibosa setshaba ka bolwetse jo bo tlhagogileng jwa letshololo mo baneng mme a re ba tshwenngwa thata ke go sa ise bana kokelong ga batsadi ba sa ntse ba dikologa le bo reaitse mme go feletse go baka tatlhegelo ya matshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ame Ketlogetswe

Location : Maun

Event : Kabelo bagodi

Date : 02 Oct 2013