Breaking News

Ba Zone 7 ba kopiwa go rekisetsa matlhabelo

02 Oct 2013

Modulasetilo wa komponi ya matlhabelo a Botswana Meat Commission Rre Akolang Tombale o kopile banni ba kgaolo ya Bobirwa ya Zone 7 go rekisetsa matlhabelo dikgomo tsa bone.

Rre Tombale o dirile kopo eo ka letsatsi la boipuso kwa Bobonong gore matlhabelo a tlhoka palo e ntsi ya dikgomo gore a seke a phutlhama. A re BMC e tlhoka dikgomo tse dintsi tse e ka di rekisetsang kwa lefatsheng la Zimbabwe mme a dira kopo gore fa matlhabelo a reka dikgomo mo kgaolong eo barui ba rekise ka dipalo tse di kwa godimo.

Rre Tombale o kopile maitshwarelo mo baruing go bo madi a dikgomo tse di neng tsa rekwa mo kgaolong eo a tlile thari a re seo se tla tlokafadiwa mo lebakeng le le tlang.

A re BMC e tlhoka palo e ntsi ya dikgomo mme a supa fa kgaolo e ya Bobirwa e nale bokgoni ja go rekisetsa matlhabelo palo e e tlhokegang. O supile fa kgaolo eno e wetswe ke leuba mme barui ba ntse ba jesa dikgomo tsa bone dithokolo tsa dikoko a re seo se kgotlela nama ya kgomo mme go sa direle lefatshe leno sentle mo mohameng wa nama kwa mafatsheng a sele.

A re BMC gape e tshwengwa ke bolwetsi ja mabele (measles) mme a kopa barui go aga matlwana a boiteketso gore dikgomo di seke tsa ja leswe. Rre Tombale a re mo dikgomong di le lekgolo tse di bolawang kwa BMC di le lekgolo, di le lesome di  tshwarwa ka bolwetsi ja mabele.

Rre Tombale a re matlhabelo a BMC  a ikaelela go fokotsa bolwetsi joo go tswa ko go 20 percent go ya kwa selekanyong sa 3 percent ka go fa barui dipilisi gore bolwetsi joo bo laolesege. O kaile fa mohama wa kgomo e le mengwe e e ka dirisiwang go lwantsha lehuma ka lefatshe leno le nale bokgoni ja go rua kgomo mme a kopa barui go rekisa dikgomo tsa bone gona le gore di nyelediwe ke leuba.

Fa a ama letsatsi la boipuso a re Batswana ba tshwanetse go gopola kwa ba tswang teng ka lefatshe leno le kile la bo le humanegile thata e bile le sena ditlhabololo dipe.

A re Botswana o balelwa mo itsholelong e e fa gare go tswa seemong sa mafatshe a a humanegileng  thata a re seo se tlhoka go iteelwa legofi.

Rre Tombale o kopile Batswana go tswelela ka go tlhabolola lefatshe la bone le baakanyetsa dikokomane tse di tlang. Fa go ntse jalo banni ba motse wa Molalatau ba ne ba ipelela boipuso ka mmino wa dikhwaere, metshameko wa kgwele ya dinao kwa kgotleng ya motse.

Morulaganyi wa tiro eo Mme Kate Machaba o tlhalosiste mo potsolotsong fa ba kwa Molalatau ba simolotse go busetsa boipuso mo serodumong sa bogologolo. Mme Machaba a re dikereke ka go farologana le tsone di ne tsa tsaya karolo mo go ipeleleng boipuso.

Dikhwaere di supa tsa Molalatau di tsa keteka boipuso koo mme Mme Machaba o supile fa go kgobokanyetsa sechaba go lo go le gongwe go tlisa boitumelo ka letsatsi la boipuso. O supile fa ka boipuso batho ba kgobokanela kwa kgotleng kwa ba lalang teng mme se se dire gore borukhutlhi le jone bo laolesege. 

Mme Machaba a re ga go nke go nna le dikgogakgogano ka ba bogosi le mapodisi ba tsaya karolo ka letsatsi le. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : Gaborone

Event : Letsatsi la boipuso

Date : 02 Oct 2013