Breaking News

Pula e tlogela ba Tsetsebye ba iphotlhere

25 Jan 2013

E re ntswa lefatshe ka bophara le ne le nyoretswe pula, segolo bogolo kwa kgaolong ya Bobirwa e e ntseng e aparetswe ke leuba, banni ba Tsetsebye ba fetogile batlhoki morago ga gore matlo a bone a gosomane ka ntlha ya pula e e neng ya tshologa fa e sale dibeke tse pedi tse di fetileng. 

Mo potsolosong, mothusa kgosi wa motse oo, Rre Ketlhapile Gabanamotse a re ba amogetse dipego di le masome a matlhano le boferabobedi tsa matlo a a thubegileng, e bile batho ba tlhoka fa ba latsang tlhogo teng. 

A re ba kopile ntlo lehalala ya motse, gore bangwe ba ba amegileng ba name ba robala mo go yone. Bangwe bone ba kopetswe matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse. A re ba ikgolagantse le bommaboipelego ba kgaolo go ba tshologa mokgosi. 

 O supile gore mo go gosomaneng ga matlo, go gobetse batho ba le bararo ba ba wetsweng ke matlo ba ntse ba robetse. A re ba le babedi ba ne ba bona thuso mo kokelwaneng ya Tsetsebye mme ba sidilega, fa a le mongwe ene a isitswe kwa kokelong ya Selebi Phikwe ka seemo sa gagwe se ne se sa itumedise. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moreri Joseph

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 25 Jan 2013