Mapodisi a tshwere babelaelwa
25 Jan 2013
Mothusa ramapodisi a Mochudi, Rre Wazha Zambezi o boletse fa ba tshegeditse bo Rre ba le babedi ba go belaelwang ba beteletse ngwana wa ngwaga tse di ferang bongwe.
Rre Zambezi o boletse fa morutabana wa gagwe a ne a lemoga fa ngwana a sa tsoga sentle mme a leletsa mapodisi.
Are mapodisi a ne a tla go tsaya ngwana a mo isa kokelong ya Debora Retief kwa Mochudi mme dingaka tsa bolela fa a beteletswe, ka jalo mapodisi a ne a tsaya dilalome tseo ka motlhala, mme ba kgona go ba tshwara. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Georginah Morakanyane
Location : Mochudi
Event : Potsolotso
Date : 25 Jan 2013
Related News
11 May 2026
Banni ga ba Jesiwa Diwelang ke Borukutlhi
07 May 2026
Balemi ba tlhasetswe ke dipeba
06 May 2026




