Breaking News

Badiri ba Ipelegeng ba ka tsena diphuthego

01 Oct 2013

Morafe o gakolotswe gore babereki ba lenaneo la Ipelegeng ba na le tshwanelo ya go tsena diphuthego tsa kgotla fela jaaka morafe otlhe morago ga gore morafe o nne le ketsaetsego mabapi le kgang e. E  rile a  bua kwa kgotleng ya Ratlhomelang kwa Molepolole bosheng mothusa tona wa tsa botsogo Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri a re o gakagamaditswe ke puo eo.

O ne a tlhalosa gore magatwe a gore Palamente ke yone e rebotseng gore ba Ipelegeng ba seka ba tsena diphuthego tsa kgotla e se nnete, e bile a tlhalosa gore bone kwa palamenteng ba rulaganya ba bo ba abela dikgaolo madi le gore a ya go dirisiwa jang kwa Ipelegeng fela e seng gore tsamaiso ya teng ke e fe ka kgang eo e lebagane  dikhansele.

O kgadile badirela puso ka dipuo tse ba di itirelang ba bo ba ba tla go di kgoromeletsa mo go babangwe, a re selo se ga se a siama ka se dira gore batho ba tlhoboge kgotsa ba nne le mowa wa kilo mo bathong ba bangwe.  E rile morago a tlhalosa fa ba khansele le bone ba re puo eo e ba gakgamditse mme ka jalo go sa tlhaloganyesege gore modi wa kgang eo o tswa kae.

O bile a supa gore babereki ba Ipelegeng ke bone ba tlhaloganyang thata ka letlhoko la kgaolo le dikgwetlho tsa yone ka e bile ba barekela teng mo gae ba bile ba kopana le mathata kgotsa dikgwetlho tse ba salang ba kopana le tsone.

Rre Matlhabaphiri o ne a araba ngongora e Modulasetilo wa komiti ya ditilhabololo tsa Motse Mme Dipuo Keaketswe a neng a e tlhalosa boemong jwa morafe a bolela fa e sa bolo go ba tshwenya lebakanyana e le gore ba Ipelegeng ga ba letlelelwe go tsena diphuthego tsa kgotla go twe ke molato.

Morafe o ne wa ntsha boitumelo jo bogolo ba itumelelela dikgang tsa gore ba Ipelegeng ba tshwanetse go tsena diphuthego ka e le bone beng ba motse kgotsa ba dikgotla ka jalo ba sa tshwanela go rontshiwa sebaka se.

Mme Keaketswe o ne a supa boitumelo jwa gore maphata a puso le one a tsentse letsogo mo lenaneong la Ipelegeng ka o ne a supa gore bosheng ba lephata la Diphologolo ba ne ba kopa banana ba le bararo go tswa mo kgotleng ya Ratlhomelang mme a tlhalosa gore banana bao ba tserwe lebaka la dikgwedi tse tharo a bolela gore ke maiteko fela a a itumedisang.

O tsweletse a tlhalosa gore maikaelelo ke gore e re morago ga dikgwedi tse tharo go tsewe ba bangwe gape. Le fa go ntse jalo ba lekalana la botsogo go tswa Scottish Livingstone  ba ne ba gakolola morafe gore fa ba ile sepatela mme e re ba tsena kwa ba bo ba sa thusiwe sentle ba na le thata ya go ikuela mo bagolwaneng ba sepatela seo.
Moemedi wa sepatela, Mme Setho Babitseng o ne a gakolola gore morafe o tlogele go nna o sa lebise ba botsogo diphoso tsa bone mme e re morago ba bue matshwenyego a bone mo kgotleng.

O ne a tlhalosa gore seemo seo ga se jese di welang ka gore mathata a morafe o ka fitlheng o ngongorega ka one ke a ba ka a rarabololang , mme go ka nna jalo fela fa molwetse a ikopanya le bagolwane fa a sa itumelela thuso ya bone ka yone nako eo. O gwetlhile morafe go tlhomamisa gore nako le nako ba tswa dikokelong le kwa dipateleng ba itumetse mo moweng ka thuso e ba e neetsweng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boikanyo Sarefo

Location : Molepolole

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Oct 2013