Masalela a direpa a bolokilwe gape
01 Oct 2013
Masalela a direpa di le lesome le bobedi, a e rileng malobeng a epololwa ke ba lephata la metsi kwa kgotleng ya Bombadi kwa Maun, a ne bolokwa gape kwa Mabitleng a Thito ya Mokodi mo bosheng.
Masalela ao, a a epolotsweng ke kompone nngwe e e thapilweng ke ba lephata la metsi go tlhabolola le go busetsa seemo sa tlhaelo ya metsi kwa motseng wa Maun dikgwedi tse tharo tse di fetileng, a bolokilwe go sena go tsewa sebaka sa gore ba ba ka tswang ba itse ka masalela ao ba tle go itshupa mme ga retela.
Fa a bua kwa tirelong ya phitlho eo, mothusa mokwaledi kwa lephateng la ditswammung, kgotetso le metsi, Rre Macheng Macheng, a re lephata la gagwe le ne le sa dire ka bomo go ntsha masalela ao, le ne le araba selelo sa letlhoko la metsi kwa motseng wa Maun. A re e re ka jaana kgaolo eo e le yone e e di gogang kwa pele ka bojanala, go a tshwanela gore ditlhabololo tsa yone e nne tsa maemo a ntlha, a tlatsa ka gore mme ditlhabololo di na le ditlamorago.
Mothusa mokwaledi a re tiro e e tsweletseng eo e lopile puso madi a a kana ka P60 million gore batho ba Maun ba kgone go bona metsi pele ga ngwaga ono o ya bokhutlong. Rre Macheng a re lephata la gagwe le lephata le tsaya tiro ya mofuta oo ka manontlhotlho, fela jaaka Batswana ba setse ba bone ditlhabololo tse di dirilweng kwa mafelong a a diragaletsweng ke bothata jwa go nna jalo.
O tsweletse ka go tlhalosa go re e tlaa re mo bogaufing fa tiro eo e wela, ba bo ba setse fela ka go simolodisa tiro ya kgopo ya metsi a a leswe kwa motseng wa Maun.
Ngaka go tswa kwa Mmadikolo, Mme Morongwa Mosothwane, a re ditshekatsheko tsa gagwe di supile go re masalela ao ke a borre ba le lesome le bomme ba babedi ba ba dingwaga di fa gare ga lesome le boferabobedi le masome a mararo le botlhano.
A re go ne go na le dilo dingwe tse ba neng ba di fitlhela mabitleng ao jaaka dibaga, mabante le gore bangwe meno a bone a ne a looditswe mme a re ba sa ntse ba tsweletse ka ditlhotlhomiso. O tlhalositse fa e rile a ntse a botsolotsa, a utlwa, tlhaloso ya nna go re go kile ga nne le bolwetse jwa kotselo mo kgaolong eo jo, bo neng jwa bolaya batho ba bantsi thata mme a re go belaesega gore masalela ao e ka bangwe ba bone.
Kgosana wa kgotla ya Bombadi, Rre George Bendu, o ne a fa matlhasedi a ditso tsa lefelo leo, a re Rre rraagwe o ne a bewa kgosana kwa Kgotleng eo ka dinako tsa bo1940 mme a mo tlhalosetsa fa gokile ga nna le bolwetse jwa leroborobo jo bo bakileng gore batho bangwe ba fitlhwe gone foo ka go ne go le gaufi le kokelo, o tlhalositse fa bontsi jwa batho gompieno ba agile fa godimo ga diphupu tseo.
Kgosi Oleo Ledimo wa kgotla ya Kubung kwa Maun, ene o ne a tlhalosa gore ke eng e le ba bogosi, ba ne ba sa dumela gore tirelo eo e tshwarelwe kwa kgotlengkgolo jaaka fa bangwe ba ne ba kopile. A re mabaka ke gore ga go itsiwe gore batho bao ke bomang, a bo a re kwa kgotlengkgolo go isiwa serepa sa kgosikgolo kana mothusi wa gagwe fela.
A re ka dinako tse di bolelwang tseo, go ne go na le dintwa tse di neng di bidiwa tsa Matebele le tsa Majeremane, mme a tlhalosa gore fa gone go tlhalositswe gore batho bao e ne e le bagaka ba tsone go ka bo go kgonegile gore ba fitlhwe kwa kgotleng kgolo. O ne a akgolela morafe wa gooTawana go tsena tiro e e masisi eo, a bo a ba kopa go e tshwara ka manontlhotlho.
Mokhanselara wa Botshabelo Mme Botshelobokae Ramasu, o ne a akgolela ba lephata la metsi maiteko a bone a go fedisa lenyora kwa motseng wa Maun, ka a bakile gore go kwalwe dintlha tse disha tsa ditso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Maun
Event : Tirelo ya phitlho
Date : 01 Oct 2013






