Seemo sa metsi se ile masweng
01 Oct 2013
Baagi ba kgaolo ya Madiba 14 kwa motseng wa Mahalapye, ba ikuetse ka seemo sa metsi se se ileng masweng kwa kgaolong ya bone. Ba buile jalo mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya bone ya Mahalapye Bophirima, Rre Bernard Bolele mo bosheng. Ba re lenyora kwa kgaolong ya bone le ba paledisa go tshela ba itekanetse, mme e bile go lebega kgaolo ya bone e le yone fela e tshabelelwang ke lenyora.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Gareutlwane Semente, o ne a kopa gore ba tsenyediwe tanka kwa kgaolong ya bone gore ba se nne le tlhaelo ya metsi, a tlatsa ka go re tanka ya metsi e e neng e beilwe kwa kgotleng, go thusa letlhoko la metsi ke ba koporase ya metsi, e ne ya gosomana ya bo ya phatlogana ka bogare. Rre Semente o ne a re morafe o a nyelela ke lenyora mme a kopa gore go tsewe kgato ka bofefo.
O ne gape ba ikuela gore ditsela tse di kwa kgaolong ya bone di tshelwe sekontere ka di ba bolaisa lorole, lo a bealelang gore ke lone lo bakelang baagi ba kgaolo eo malwetse a mahatlha gammogo le bolwetse ba kgotlholo e tona. Rre Bolele o ne a tlhalosa gore kgaolo ya Madiba 14, e mo thotaneng, mme ke ka moo metsi a nnang bonya go goroga kwa go bone ka bontsi.
Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa go re ba koporase ya metsi ba sa ntse ba tshwaragane le namane ya tiro go tsenya diphaepe tse ditona, tse di tlaa kgonang go isa bokete jwa metsi a mantsi jo bo kwa godimo. O ne a solofetsa gore e tlaare mo bokhutshwaneng, baagi ba bo ba tsenyeditswe tanka e nngwe ya metsi, go ba namola mo lenyoreng.
Mopalamente o ne a kgalema barui ba ba senyang diphaepe tsa metsi, go nosa leruo la bone, a re go dira jalo go busetsa ditirelo tsa puso kwa morago. Mopalamente o ne lekodisa baagi ka dikgang tsa palamente e e fetileng, a bo a tsaya maele le megopolo, go e isa kwa palamente e e tlang.
O ne a tlhalosetsa morafe ka thuso ya babueledi ba puso, le gore palamente a tlaa gasiwa ka botlalo mo BTV, a bo a o tlhagisa ka bodiphatsa mabapi le mogare wa HIV le bolwetse jwa Aids, jo bo tsweletseng ka go fetsa setshaba. Rre Bolele o bile a kopa Batswana go tswelela ba rapelela pula, go ikwadisetsa ditlhopo ka bontsi, le go aba madi a mmele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Oct 2013






